Breaking News

Matlwana a boitiketso a fa seriti

14 May 2014

E re jaaka go setse ngwaga le sephatlo go goroga kwa ngwageng wa 2016, Batswana ba tshwere ka natla go dira gore matshego a tebelopele ya setshaba a fetoge boammaaruri.

Sengwe se se supang fa ele ruri tsela e budule ke go bona batho ka bongwe ka bongwe, makgotla a ikemetseng ka nosi le dikompone ba eme ka dinao go thusa puso go namola Batswana mo lehumeng le go dira tsotlhe go tlhabolola matshelo a batho.

Banni ba kgotlana ya Metsiaela ke bangwe ba ba neng ba bona thuso ka go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng ka madi a tswa kwa komponeng ya Debswana ba sena go kopelwa dithuso ke ba ofisi e okametseng mananeo a a itebagantseng le go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo Boteti.

Go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng a le masome a le marataro le bobedi e nnile phetogo e kgolo thata mo morafeng wa kgotla e, ka gore ba filwe tlotla le seriti se ba ntseng ba sena sone. Seo gape se tla thusa gore banni ba Metsiaela ba kgone go goroga kwa ngwageng wa 2016 ba itekanetse.

Le fa ntswa go lemogilwe fa matlwana a boitiketso a lefuti  a ka kgotlela tikologo ka go leswafatsa metswedi ya metsi ka fa tlase ga lefatshe, kwa kgotlaneng ya Metsiaela gone, seo e nnile tswelelopele e ba saleng ba emetse ka lobaka ka go ne go se ope wa bone yo o kgonneng go e tlhoma mo lwapeng la gagwe.

Kgosi wa kgotlana ya Metsiaela, Rre Alfred Petelelo a re morafe wa gagwe o kgonne go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng ka thuso ya boeteledipele jo bo nonofileng jwa ofisi ya ga molaodi le khansele ba sena go kopa madi kwa komponeng ya Debswana.

Kgosi Petelelo o boletse fa ofisi e okametseng mananeo a twantsho bolwetse jwa AIDS mo Boteti e le yone e neng e eteletse pele lenaneo la go kopa madi le kago ya matlwana a.

Rre Petelelo a re pele go agiwa matlwana ao, gone ga tla morongwa a tswa kwa ofising eo go tla go seka-seka seemo se ba neng ba tshelela mo go sone mme a lemoga botlhokwa jwa go aga matlwana a boitiketso mo malwapeng ao.

O boletse gore ka nako eo go ne go sena lelwapa lepe le le nang le ntlwana ya boitiketso mo kgotlaneng ya Metsiaela fa ese a le mabedi fela a fitlhelwang kwa kgotlaneng.

O supile gore matlwana ao le one a tlile jalo ka thuso ya baithuti ba booki go tswa kwa Serowe Institute of Health Sciences ba ba neng ba direla mo Letlhakane ka nakwana ka 2012.

O tsweletse a tlhalosa gore seemo sa boitekanelo se ntse se le kwa tlase mo Metsiaela, a re seo se gakadiwa ke gore bontsi jwa banni ba lefelo leo ga ba bereke mme ba ikaegile thata ka thuso ya khansele le gone go tshwara-tshwara mo Ipelegeng.

Kgosi Petelelo a re le fa mo dingwageng tsa maloba go ne go se phoso go  itiketsa mo sekgweng jaanong dipaka di fetogile, ka jalo seemo seo se baya botsogo jwa motho le tikologo ka kakaretso ka fa mosing.

O tsweletse a supa gore botshelo bo thata mo kgotlaneng ya gagwe ka jalo go ne go se motlhofo gore mongwe o ka bona madi a go emeletsa ntlwana ya boitiketso.

O tlhalositse gore seemo sa pele se ne se babalela thata bana-le-bogole le bagolo ba ba sa kgoneng.

O ne gape a supa fa ntlwana ya boitiketso e tsisa seriti mo botshelong jwa motho a tswelela a akgola bao ba ba ileng ba bona gole botlhokwa go dira tiro ya go aga matlwana a.

Kgosi Petelelo o ikuetse mo banning go dirisa mpho ya bone sentle ka kelotlhoko ka e le tshegofatso ya Modimo go bo ba agetswe matlwana ao ntleng ga tuelo epe.

Mookamedi wa ofisi e tsamaisang mananeo a go lwantsha mogare wa HIV le  bolwetse jwa AIDS kwa Boteti, Rre Ketlantshang Monyadiwa a re tiro ya go aga matlwana a boitiketso e tlile morago ga go dira tsheka-tsheko go bona se se tlhokwang mo kgotlaneng eo.

O tlhalositse gore ba ne ba lemoga gore banni ba kgotla e ba dirisa sekgwa mme seemo seo se ka baya matshelo a bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse le gone go kgotlela tikologo.

O tsweletse ka go tlhalosa gore ba ile ba kwalela moepo wa Debswana go kopa madi go aga matlwana a le lekgolo mme madi a ba neng ba abetswe ke P262 000  ka jalo ba felela ba agile a le masome a le marataro le bobedi fela. Rre Monyadiwa a re ba ba agetsweng pele ba akaretsa batlhoki, bagodi le ba- nale-bogole.

A re ba ba thusitsweng ba ne ba kopiwa go epa mahuti fa moagi a ne a duelwa.

O tlhalositse fa ba tla ruta banni ba kgotla eo go tlhokomela matlwana a bone le go ba neela dithuto ka tsa botsogo le botlhokwa ja tikologo e phepa.

Rre Monyadiwa o ikuetse  mo setshabeng le mo dikomponeng ka go farologana go thusa ka sengwe le sengwe se ba nang le sone go tsweledisa go aga matlwana a mangwe kwa Metsiaela ka mo go dirilweng go ise go lekane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Constance Tlale

Location : LETLHAKANE

Event : Kabo ya dithuso

Date : 14 May 2014