Bana-le -seabe ba kgothadiwa go anamisa ditlhabololo
14 May 2014
Ba-na le seabe botlhe ba ba gwebang ka loruo ba kgothaditswe go tlhomamisa gore batho kana makalana otlhe a a nang le sebe mo kgwebong ya nama ba tsenye letsogo mo tlhabololong ya dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo le gone go amogana dikitsiso.
Mafoko ao, a builwe ke molomaganyi wa tsa tikologo kwa meepong ya Letlhakane, Damtshaa le Orapa, Rre Mbakiso Sebina kwa thuto-puisanong ya ba-na le seabe mo thuong e e neng e tshwaretswe kwa Letlhakane bosheng.
Rre Sebina a re ba-na le seabe ba tshwanetse ba bona ka fa ba ka dirisanang ka teng go tlhabolola mhama wa thuo. Rre Sebina a re thuto-puisano eo e tla morago ga gore lekalana la botsogo jwa loruo le nne le seabe mo thulaganyong ya go tlotlomatsa le go nonotsha tlhokomelo ya loruo le dikanoko tsa go tlhabolola loruo le go tlhama mekgwa e mesha ya temo-thuo .
A re mogopolo wa go tlhama mekgwa e mesha ya go rua o ikaegile ka go ntsha dithoto tse di dirisiwang tsa boleng jo bo kwa godimo tse di tlhokwang ke batho ba le bantsi ka ba tlhalositse gore ditlhotlhwa tse di kgonagalang le go inaakanya le bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi, mme ba dirisanya le puso.
O tlhalositse gore mogopolo o o dira gore badirisi ba dithoto jaaka barui le ba bangwe ba ba dirisang dithoto le badiri ba tsone, ba itse mosola wa go dira dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo ka ditlhotlhwa tse di kgonagalang .
Rre Sebina a re ka maiteko a go tokafatsa seemo sa go ntsha dithoto, puso ga e a ikaelela fela go fokotsa go reka dithoto ka kwa ntle ga lefatshe leno, mme gape go lemoga fa ditswaleruong di le botlhokwa e le kgatelopele e kgolo thata.
A re puso e kgaogantse Botswana ka dikgaolo tsa temo-thuo tse di lebaneng go lebilwe gore lefelo le siametswe ke eng.
O boletse gore legale go oketsega ga tirisanyo ya itsholelo ya mafatshe go tsisitse tse di molemo jaaka go godisa itsholelo mo mafatsheng a a tlhabologang le fa le gone go na le matswakabele a gone.
Rre Sebina a re dingwe tsa dikgwetlho di akaretsa kgaisano e e mashetla, go somarela mebaraka le kgonagalo e e kwa godimo ya gore balemi ba ba botlana ba ka nna ba palelwa ke go gaisana.
A re seemo se se ntseng jalo se batla gore botlhe ba ba nang le seabe ba kopanele dikgang tse di ba amang ba bo ba tsee ditshwetso ba le mmogo.O tlhalositse gore di-tsa-temo le loruo di akaretsa ditiro tse di dirwang kwa dipolaseng le kwa metseng ya magae le gone kwa ditoropong tota.
Rre Sebina a re dilo tse dingwe jaaka go fetlhiwa ga motlakase tse di leng bontlha bongwe jwa tshomarelo ya tikologo le tsone di botlhokwa mo go tokafatseng thuo.
Rre Sebina o ne a ikuela mo go botlhe ba ba nang le seabe mo mhameng wa loruo go tswelela ba dira ka natla gore mhama oo o tle o kgone go gaisanya le mafatshe a magolo a a rekisang nama. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : LETLHAKANE
Event : Thuto-seka-dipuisano
Date : 14 May 2014