Ba kopilwe go atla badiredi
14 May 2014
Mopalamente wa Lobatse Rre Nehemiah Modubule o kopile maphata a puso a a neetsweng bana ba Tirelo Setshaba go ba amogela ka lorato le go ba ruta tiro e seng go ba latlhelela.
Mopalamente Modubule o buile mafoko a jaaka a ne a buisa phuthego kwa kgotleng ya Woodhall kwa Lobatse bosheng.
A re fa bana ba, ba sa amogelwe ka lorato ba bo ba rutIwa tiro, ba felela ba sa sela sepe mo maphateng a ba isitsweng kwa go one mme ba itlhoboge.
O supile fa go setse go nale ngwana mongwe yo o neng a felela a phutha ka ntata ya go latlhelelwa.
Rre Modubule a re ngwana yoo, o ne a isitswe kwa sekolong sengwe kwa barutabana ba teng ba fetileng ba mo neela bana fela ba bo ba mo raya ba re a bone gore o tswa jang ka bana ba teng mo a feletseng a phutha a bo a boela gae.
A re go dira jalo, ga go a siama ka bana ba ba isiwa kwa maphateng ka tumelo ya gore ba ba direlang koo ba tla ba ruta tiro go na le go ba latlhelela.
O bile a re go na le dilo dingwe tse a sa di rateng mo lenaneong le la Tirelo Setshaba di tshwana le gore bana ba bo ba sa neelwe madi a bone otlhe.
Rre Modubule a re gape bana ba ba beetswe selekanyo sa malatsi a ba ka a fiwang ke dingaka fa ba lwala,a re selo se ga se a siama ka motho a sa itse gore o tla a lwala selekanyo se se kae.
A re gape gatwe ngwana ga a tshwanela go ima fa ale mo lenaneong le la Tirelo Setshaba, a re ga a itse gore go tewa jang ka bana ba ba mo dingwageng tse di ba letlang go ka ima e bile ba tla a bo ba oketsa tshaba ya Botswana.
O tsweletse a re gatwe fa ngwana a ka ima kgotsa ba bongaka ba mo fa malatsi a fetang a a beilweng ke puso o tla a bo a kobiwa.
Mopalamente o ne a bolela fa a itse gore lephata la makgotla a Setswana le saletse kwa morago mme a tlhalosa gore go tla a lekwa go bona gore ba thusiwa jang.
Fa a ama tsa thuto, o kopile batsadi go etela dikole go bona gore matsapa di a tsaya kae gore maduo a bana a bo a wela kwa tlase, a tlatsa ka gore go a tshwenya go bona maduo a tsweletse ka go wela tlase jaana.
Rre Modubule a re batsadi fa ba sa emele thuto ya bana ba bone ka dinao, ga go kake ga nna le tema, a supa fa ba tshwanetse go bona gore a mathata ke bana kgotsa barutabana gore batle ba tseye kgato e e maleba.
Rre Modubule yo o tsweletseng ka go buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi go lekodisa ka tsa palamente e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa palamenteng e e tlang, o ne a re palamente e dumalane ka tshotiso e a neng a e beile pele ya gore mopalamente a nne go fitlhelela ka letsatsi la go iwa ditlhophong fela jaaka mokhanselara le tona, a re go setse fela gore tautona a beye tumalano eo monwana.
O bile a ba lekodisa gape ka molao wa banyalani, a re jaanong ba letlelelwa go ka ya go fetola nyalo ya bone,a tlhalosa gore fa ba ne ba nyalane ka tlhakanelo dithoto ba ka fetola fa ba dumalana go ka dira jalo.
Mongwe wa batsena phuthego Rre Reuben Tshipinare o ne a kopa gore ka dinako tsotlhe fa mopalamente a buisa diphuthego makhanselara a nne teng, a re kana dipotso tse dingwe o fitlhela di batla makhanselara.
Rre Tshipinare a re fa makhanselara ba le teng mo diphuthegong tsa ga mopalamente tiro e nna motlhofo ka ba tla a araba go sena makgwere ape.
O tsweletse a bolela fa a sa bolo go kopa setsha ka ngwaga wa 1992 le jaana a ise a se bone jalo o ipotsa gore matsapa di a tsaya kae.
O bile a re tota ke eng go sa dirwe gore modula-setilo wa ntlo ya dikgosi e nne ene a okamelang dikgosi go na le gore ba okamelwe ke tona wa dikgaolo jaaka go ntse mo nako eno.
Rre Tshipinare o ne gape a kopa gore setlankana sa go kgweetsa dipalamo tsa setshaba se tsee dingwaga tse tlhano e seng tse pedi jaaka go dirwa mo nakong ya gompieno, a re setlankana se se turu gape se tsaya nako e khutshwane go shafadiwa.
Rre Mojeremane Letlhare o ne a ngongorega ka toropo ya Lobatse a re ke nngwe ya ditoropo tse dikgologolo mme ga e tlhabologe o ipotsa gore mathata ke eng, a re e bile jaanong e gaisiwa le ke metse ya Kanye le Maun.
Rre Keoagile Kubuwe ene, o ne a bolelela mopalamente gore o tshwenngwa ke gore lefatshe la Botswana ga le na komiti e e laolang ditlhotlhwa, a bo a kopa mopalamente gore a fetisetse kgang ya teng kwa palamenteng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 May 2014