Go kopa boagedi go tswa goo lowe
13 May 2014
Batswana ba tswa kgakala ba ikopela boagedi mo metseng e mengwe mme ba ne ba dira jalo ka go tla ka lekwalo le le tswang kwa kgosing ya moikopedi a le isa kwa kgosing ya motse o a batlang go nna moagedi teng.
Mafoko a, a boletswe bosheng ke kgosikgolo ya Batlokwa Kgosi Puso kwa phuthegong e a neng a e tshwere kwa kgotleng ya Sefoke kwa motseng wa Tlokweng.
A re ka thulaganyo e, kgosi ya motse o moagedi a ikopelang go aga mo go one, o ne a mo fa kgotlana e a tla a agang mo go yone, selo se se neng se dira gore baagedi ba nne le boitshwaro jo bontle.
Kgosi Puso o boletse fa pharologanyo ele gore mo sesheng, baikopedi ba kwalela kwa lekgotleng la kabo ditsha ka jaana dikgosi di sena seabe mo tsamaisong ya lefatshe.
O kopile banni ba kgotla ya Sefoke go tsena diphuthego tsa kgotla le go thusa go lwantsha borukutlhi, a supa fa jaanong ba tsewa e le Batlokwa ka jaana ba agile mo motseng oo.
Fa a ba lekodisa ka tse dingwe, Kgosi Puso o boletse fa ba kgonne go tsaya lebala la bone la morafe ka fa tlase ga lekgotla la Batlokwa Development Trust mme ba ikaelela go le tlhabolola ka go le jwala motlho le gone go dira meriti ya fa balatedi ba nnang teng.
Kgosi o tlhalositse fa a eletsa go bona Batlokwa ba na le setlhopha se le sengwe se se tshamekang mo leking e kgolwane.
Mo go tse dingwe, Kgosi Puso o boletse fa ba le mo dipuisanong le maphata a puso a a farologaneng go leka go bona gore a ba ka se busetse terata e e thibelang leruo go tsena mo toropong ya Gaborone.
O tsweletse a bolela fa a tla a bitsa phuthego ya kgotla go lekodisa Batlokwa ka katlholo ya kgotlakgolo mabapi le ditsha tse 285.
Kgosi o boletse gore e rile bosheng ba etelwa ke mothusa tautona go lekola masimo a bone mme a akgola Batlokwa gore ba ne ba itekile ba lema monongwaga le fa bangwe ba ne ba sa tlhagola, a bo a kopa ba ba sa remang masimo a bone go leka go a rema.
Fa ba ntsha la bone, Batlokwa ba tlhalositse fa ba ka leboga thata fa terata e e kganelang leruo e ka tsenngwa ka e ka fedisa tlhoka kutlwisisano ya bone le khansele ya Gaborone. Ba boletse fa ba tshwenngwa ke dikoloi tse di tabogang ka lebelo le le feteletseng mo tseleng ya Tlokweng/Zeerust, ba bo ba kopa gore tsela eo e tsenngwe ditotoma gore bakgweetsi ba fokotse lebelo.
Ba ngongoregile ka dikereke dingwe tse di latlhelang dibeela di tshwana le diaparo tsa ka kwa teng gammogo le dikerese tse di tshubilweng mo motseng wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TLOKWENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 May 2014