Tikologo e e phepa konokono
13 May 2014
Babereki ba puso ba ba direlang kwa Mogorosi mo kgaolong ya Legare e rile bosheng ba bolotsa letsholo la go phepafatsa tikologo ya motse o ba direlang mo go one.
Babereki ba, ba ne ba gatelela botlhokwa jwa go nna mo tikologong e e phepa ka go nne go tsisa botsogo jo bo siameng nako tsotlhe.
Modulasetilo wa komiti ya badirela puso ya motse oo e bile e le mogokgo wa sekolo se segolwane, Mme Josephen Madikwe a re jaaka ba direla mo motseng o, ba tshwanetse go o tsaya e le wa bone ka jalo go botlhokwa go tsaya karolo go o direla go godisa ditlhabololo tsa one.
A re motse wa Mogorosi o itsege ka go di goga kwa pele fa go tla mo go phepafatseng tikologo ka jalo ba bone go le matshwanedi go tsweledisa tema ya go nna sekgantshwane mo dikgaisanong tsa go phepafatsa. O supile fa badirela puso ba motse oo ba tshwaragane ba le seopo sengwe ka jalo a tlhalosa fa go ba thusa go rarabolola mathata fa ba kopana le one.
Mme Madikwe o tsweletse a tlhalosa fa ba itlama go tswelela ka go direla motse oo ka a re ba mo moonong wa go tokafatsa ofisi ya kgosi wa motse oo ka go e rekela tse e di tlhokang.
Mooki mogolo wa kokelwana ya motse oo Rre Keabetswe Ben a re go botlhokwa go phepafatsa tikologo ka gonne tikologo e e leswe e rotloetsa malwetsi a tshwana le malaria a a felelang a gapa matshelo a batho.
Rre Ben o tsweletse ka go tlhalosa fa bophepa bo tsisa seriti mo mothong.
A re go le gantsi setshaba se se tlwaelesegileng ka go leswefatsa tikologo se tshabelelwa ke bothata jwa malwetsi mme a rotloetsa batsenela phuthego eo go simolola go phepafatsa kwa malwapeng gore ba nne mo tikologong e e phepa go hema kgotlhelesego ya dijo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Phepafatso tikologo
Date : 13 May 2014