Ba itumile molomo wa tlase
13 May 2014
Banana bangwe ba Palapye ba ba neng ba fiwa madi ke puso go itshimololela dikgwebo ka 2012 ba boletse fa ba tla wa ba tsoga le dikgwebo tsa bone gore di seka tsa phutlhama le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho.
Fa a bua mo potsolotsong, monana wa kgwebo ya Extra Move Enterprise e e itebagantseng le go kapa ditshwantsho le go dira dikarata tsa manyalo le mananeo a dintsho Mme Paleasa Sono a re dingwe tsa dikgwebo tsa banana ba ba neng ba fiwa madi le bone di tswetswe ka ntlha ya go palelwa ka mabaka a a farologaneng.
A re kwa tshimologong kgwebo ya bone e a e kopanetseng le monana yo mongwe Rre Keleabetswe Seepi e e neng e filwe P92 000 e ne e tshwanetse go dira ipapatso ya maranyane a sesha, mme seo sa retela ka ntlha ya go tlhoka kwa ba bayang disupa ditshwantso tse ditona tse di supang tsa ipapatso morago ga go fetogelwa ke ba ba neng ba na le ditumelano le bone.
O tlhalositse fa seo se ne sa seka sa ba kgoba marapo, ke ka moo ba ileng ba tswa ka leano la go fetola mogopolo wa kgwebo ya bone mme ba tswa ka wa go kapa ditshwantsho le go tsaya dinepe.
Mme Sono a re ba lebanwe ke kgwetlho ya batho ba ba siang ba sa feleletsa dituelo morago ga go ntsha madi a peeletso. O boletse fa ditlhatlhwa tse di kwa godimo tsa khiriso mo mafelong a mo mebolong di baya dikgwebo tsa bone ka fa mosing ka ba patelesa go direla mo mafelong a a iphitlhileng.
O tsweletse a re mo bogompienong ba dira madi a a lekaneng go duela khiriso le go busa madi a ba a adimilweng ke puso ba bo ba sala ba iphotlhere ba palelwa le ke gone go ikamogedisa.
Le fa go ntse jalo, Mme Sono o tlhalositse fa seo se ka seke se ba kgobe marapo ka tsatsi lepe ka ba tla itepatepanya le dikgwetlho go fitlhelela maikemisetso a bone diragala.
O supile fa a itumedisiwa ke gore badiredi ba ofisi ya banana ba tlhola dikgwebo tsa bone kgapetsa kgapetsa mme se se ba tiisa moko.
Monana yo mongwe wa kgwebo ya Wadada Services e e dirang matshwao le go gatisa mekwalo ya diaparo Rre Keletso Seretse ene a re, kgwebo ke selo se se thata se se tlhokanang le motho a na le lorato e bile a le pelotelele mogodimo ga moo a iketeile sehuba.
O supile matshwenyego a gore bontsi jwa Batswana ga ba tshephe boleng jwa dithoto tsa bone ka jalo ba reka mo dikgwebong tse ditona tse di setseng di itshetletse mme se, se ba baya ka fa mosing.
Rre Seretse o ikuetse mo pusong go ba thusa go lwantsha batho bangwe ba ba dirang dikgwebo tse di sa kwadisiwang ka fa molaong ka a dumela fa ba na le seabe mo go sa direng sentle ga dikgwebo tsa bone ka batho ba siela kwa go bone ba batla ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.
O boletse fa a ka se tlelwe ke mowa wa boitlhobogo ka kgwebo ya gagwe e mo thusa go itshetsa le go ikgapha mo ditirong tsa botlhoka tsebe ka jalo a re o kopa puso go ba thusa go batla mmaraka o o ka rekang dithoto tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 13 May 2014