Mapodisi a tshwere banna ba le babedi
13 May 2014
Banna ba le babedi ba thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso morago ga go fitlhelwa ka nama e go belaelwang e le ya phologolo ya naga.
Mookamela mapodise a sepodise sa Orapa, Superintendent Kabo Badirwang, a re e ne ya re kgwedi ya Motsheganong e ferabongwe ba tshwara banna ba le babedi ka nama e go belaelwang e le ya Phuduhudu, a tlatsa ka go supa fa ditlhotlhomiso di tsweletse go rurifatsa gore nama eo ke ya phologolo efe.
Rre Badirwang o boletse fa borre bao ka bobedi, ba dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe (51) ele badiri ba lephata la matlhoko a leruo mo Letlhakane.
Mogolwane wa sepodise o ne a tlhalosa fa ditlhotlhomiso tse di tsweletseng di supa fa phologolo eo e bolaetswe kwa lefelong le le bidiwang Chai, fa gare ga motse wa Mopipi le Orapa.
A re borre bao ba ne ba dirisa tsela e ralalang toropo ya diteemane ya Orapa mme ba tshwarwa mo sekganeding sa tsela morago gago phuruphutswa.
O ne gape a tlhalosa fa nama e borre bao ba tshwerweng ka yone ene e phuthetswe mo kgetsing. Rre Badirwang o supile fa bogodu jwa diphologolo tsa naga bo oketsega mo kgaolong ya sepodisi ya Orapa e bile bo diragala thata ka paka ya mariga.
Mookamela mapodise, Rre Badirwang, o ne a gakolola ba ba abetsweng ditlhobolo go di dirisa ka fa tshwanelong, e seng go dira ditiro tsa borukutlhi, a tlatsa ka gore bangwe ba kopa ditlhobolo ka mabaka a gore ba batla go sireletsa leruo le dithoto mme morago ba di dirise ka tsela e fapogileng.
O ne a supa fa a tshwenngwa thata ke batho ba ba ikemiseditseng go fetsa diphologolo tsa naga, a tlatsa ka gore bojanala ke sengwe sa dilo tse di kopanetsweng ke botlhe, ka setshaba se nale dipoelo mo go sone.
Rre Badirwang o tlhalositse gore fa borre bao ba ka bonwa molato wa go tsoma ba sena teseletso mongwe le mongwe wa bone o ka lefisiwa madi a kana ka P2 000 kana kgolegelo ya ngwaga tse pedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Motlatsi Matsididi
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 13 May 2014