Breaking News

Metshameko e fetola boitshwaro

13 May 2014

Metshameko ya banana ya dikgaolo tsa botlhophi tsa Serowe Bokone e nnile le diphetogo tse di eletsegang mo boitshwarong jwa banana ba kgaolo eo.

Mo potsolotsong bosheng, mokhanselara wa Thabala, Rre Kadimo Oremeng, a re go simolodiswa ga metshameko e go thusitse fela thata, ka banana ba kgaolo eo ga ba sa tlhole ba amega mo dikgannyeng tsa diritibatsi le nnotagi jaaka pele.

O ne a tlhalosa gore fa e sale jaaka metshameko eo e simologa, bontsi jwa sebaka banana ba abo ba le kwa mabaleng, go le ditlhopha tse dingwe tsa motse le tsa dikgaolo tse dingwe.

Rre Oremeng a re go le gantsi banana ba ne ba tlwaelesegile ka go sasankega mo mebileng, ba tsaya letlhoko la mebereko e le sebaka sa go dirisa nnotagi go itlosa bodutu.

Ka jalo, a re mo sebakeng sa gompieno puso e ne ya lemoga se se ka senyetsa banana bokamoso, mme ya simolodisa metshameko e go ba thusa go ikgapha mo ditirong tse di k aba senyetsang isago, jaaka bogodu le gone go dirisa ditagi le diritibatsi botlhaswa.

O ne a tlatsa gape ka go supa fa metshameko e e rotloetsa banana go nna le popagano, e a tlhalosang e ba solegela molemo mo go abelaneng megopolo ka tse di amang matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, Rre Oremeng o ne a gakolola batsamaisi ba metshameko go emisa go tsaya karolo kana letlhakore fa go tla mo ditlhopheng tse, ka se se ka rotloetsa dikgotlhang mo batshameking le barotloetsi ba ditlhopha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 13 May 2014