Breaking News

Bogosi le sepolotiki ga di nyalane

13 May 2014

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele a re bogosi ga bo a tshwanelwa go tswakanngwa le sepolotiki.

Fa a buisa phuthego kwa Lerala kwa Tswapong bosheng, Rre Siele o boletse fa bogosi bo sa tshwanela go nna le difatlhi dipe. Ka jalo, o kopile mapolotiki go kopa tlhopho ka tsela e e letlelesegang, ba bo ba heme go dirisa dikgosi mo go tsa sepolotiki ka seo se ka kgaoganya morafe.

Tona Siele o ne a kopa gape ba e leng dikgosi mme ba eletsa go tsena sepolotiki go ithola marapo ka go tlhoka go dira jalo go ka diga le go nyenyefatsa seriti le serodumo sa bogosi.

Mo go tse dingwe, Rre Siele o ne a bolela fa go sena ope yo o ka tswang kwa ntle ga Lerala go ya go baakanya dikgang tsa bone tsa bogosi. Le fa go ntse jalo, o ne a tsibogela dikakgelo tse di farologaneng go tswa mo banning, tse di amanang le bogosi jwa motse wa bone.

Banni ba ne ba ngongorega thata ka kgosi ya bone, ebong Kgosi Sello Moroka, ba bolela fa ba sena tomagano e e lolameng le ene. Banni ba ne gape ba tshwaya Kgosi Moroka phoso, ba re ga a dirise ofisi ya gagwe sentle e bile ga ana therisanyo le bone.

Mo dikakgelong tsa borangwaneagwe kgosi, gone kwa phuthegong eo, ba ne ba bolela fa ba ne ba bitsa ba ba neng ba kwalela Tona Siele go mmolelela ka dikgang tsotlhe tse di amanang le Kgosi Moroka mme bangwe ba gana go tla fa bangwe ba ne ba bolela fa mapolotiki mangwe ba ba neng ba lopa maina a bone ba ne ba sa ba itsise gore ba a isa kae.

Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele, o ne a kopa tirisanyo mmogo e e nonofileng go tswa mo go kgosi wa Lerala, a bolela fa a tlhoka bogosi jwa Lerala le bogosi bo mo tlhoka.

O ne a kopa Kgosi Moroka go tswa mo polotiking ka e le yone e ka senyang tirisanyo mmogo le morafe. Rre Maele o ne a lebogela morafe wa Lerala go agisanya le kgosi ya bone ka ba ne ba supile fa ba sena mathata le ene ba mo rata.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 May 2014