Baoki ba Okavango ba supa lerato
13 May 2014
Baoki ba kgaolo ya Okavango ba supile lerato ka go fa bagodi dijo ka Mosupologo, Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le motso, ele go gopola mooki o mogolo Mme Florence Nightingale, yo o tshotsweng ka lone letsatsi leo.
E rile a bua ka moono wa letsatsi, mogolwane wa baoki, Mme Dintelo Moetse a tlhalosa fa mo letsatsing le gantsi ba dira moletlo wa go itumedisa balwetse, mme gompieno ba ile ba bona go le maleba go direla bagodi.
O tlhalositse gore ka a lemogile fa bagodi ba etela kwa posong, kwa e leng gone ba thusetswang thata teng, ba ile ba buisana le bagolwane ba poso gore ba kope bagodi go ema gore batle ba supe mowa wa lerato le gone go ba ruta ka botlhokwa jwa letsatsi le.
Mma Moetse o tlhalositse fa mowa wa lerato ba o anywile mo go mooki wa pele Mme Nightingale ka jalo ba ne ba batla go dira se a neng a ka se dira fa a tshela.
O tlhalositse gore mooki Nighitngale e ne e le mooki yo o pelotlhomogi, a tlatsa ka go gakolola baoki ba ba neng ba tsile moletlong o, go nna lerato mo tirong ya bone le fa ba thusa bagodi.
O tlhalositse gape fa Mme nightingale e ne e le modumedi mme a ba rotloetsa gore ba tshwanetse gore le bone ba ikaege ka tumelo ya bone, ka tiro e ba e berekang e tlhoka gore motho a bo a itse Modimo. A re ba bone go le botlhokwa go siela bagodi tee le go ba fa tlhompho le go tshegetsa letshego la tebelopele ya setshaba, la tshaba e kutlwelobotlhoko.
Mongwe wa bagodi, yo ebileng ele kgosi, Kgosi Molelwa, o supile fa baoki ba na le lerato.
O tlhalositse fa tiro e e ba itumedisitse fela thata ka e supa tirisano mmogo ya booki le morafe.
O lebogile le ba mogolwane wa poso ya Gumare, Rre Dumane Philime, go bo a amogetse kopo ya baoki, go dirisa lefelo la poso go tsiseditse bagodi dijo, a re le gone go supa tshwaragano mmogo ya babereki mo motseng wa Gumare. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Letsatsi la baoki
Date : 13 May 2014