Mokgatlho wa banana o abela baithuti
13 May 2014
Banana ba Gumare kwa kgaolong potlana ya Okavango ba abetse baithuti ba dikole tse dipotlana tsa Tubu le Kelekele kapari ya sekolo e akaretsa, ditlhako, dihempe, marokgwe, dikausu le mabante.
Ba dirile jalo ka mokgatlho o ba o tlhamileng, o o itsegeng ka leina la Gumare Advisory Association (GAA).
Mokgatlho o o tlhamilwe ke banana ba ba ikopantseng kwa tshimologong ka maranyane a Facebook, mme ba ne ba gasame le mafelo ka go farologana, mo khutlong tse nne tsa lefatshe leno. Mokgatlho o, ba ile ba o kwadisa semmuso ka ngwaga wa 2012.
Mo tshimologong ya leeto la bone la go direla setshaba, ba ne ba abela moithuti mongwe kwa Gumare, yo o neng a ya go emela lefatshe la Botswana kwa dikgaisanong tsa mabelo tsa COSASA, kwa Zimbabwe.
Moithuti yo, ba ne ba mo abela madi, e le go mo tiisa moko go lemoga le go dirisa talente ya gagwe ka maatlametlo, go ikagela bokamoso jo bo eletsegang.
Fa a tshwaela, modulasetilo wa mokgatlho oo, ebong Mme Barati Makgetho, a re bangwe ba bone ba kile ba nna barutabana ba nakwana mo dikoleng tse di gone mo Gumare mme ba ile ba lemoga gore bangwe ba baithuti ba bone ba tla sekolong ka seemo se se ka ba nyenyefatsang le go ba diga seriti mo matlhong a baithuti ka bone.
A re ba ile ba kopa barutabana gore ba ba thuse go bona bana ba ba amogelang dithuso go tswa mo khanseleng mme seemo sa bone se ntse se le kwa tlase fela.
O ne a tswelela ka gore maikaelelo a bone ke go abela dikole tsotlhe tse di mo Gumare le go tlatsa ka kapari ya mariga jaaka paka eo e setse e gorogile.
Rre Makgetho o kopile banana ba motse le botsadi go tsenya letsogo, a re jaaka maitlamo a mokgatlho wa bone e le “Motse wame, maikarabelo ame,” botlhe ba na le boikarabelo mo kgaolong le tlhabololo ya Gumare.
A re e le banana, ba lemogile gore mo kgaolong ya bone, thuto ga e a tlotlomadiwa thata, e bile bangwe ga bana sepe le yone.
Makgetho o ikuetse mo go beng ba dikgwebo le bagogi ba motse gore e re ba kokota mo dikgorong tsa bone ba seka ba ba kgaphela kgakala.
E rile a tlatsa, mongwe wa maloko, Rre Jonah Monakaladi, o kaile fa ba tsamaisa mokgatlho o wa bone ka go kopa dithuso mo baaging le mo beng ba dikgwebo ba ba gone mo Gumare.
A re e re le ntswa go na le palo e e ba kgwang kgaba, bontsi jwa bone ba maoto a tshupa ka gore ba akanya gore mokgatlho wa bone ke wa matshamekwane, ba nyatsa ka fa ba ikopantseng ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : GUMARE
Event : Kabo Dimpho
Date : 13 May 2014