Breaking News

Botswana o lebanwe ke dikgwetlho tsa ditumelo

12 May 2014

Lefatshe leno le aparetswe ke tlhatlhakano ya ditumelo tse di farologaneng tse dingwe tsa tsone di tsileng ka mewa e e maswe ya ditumelo tsa bosaatane tse banana ba inaakantseng le tsone.

E rile a bua mo go tlhomiweng ga moruti wa St Augustines Parish Rector FR Moreri Leteemane kwa Serowe ka bofelo ja beke, Moruti Metlhayotlhe Beleme yo eleng bishop wa Botswana a supa fa metlha e tsile e e tlhokang tshwaragano ya dikereke go tsena mo dithapelong go lwantsha mowa o o maswe wa ditumelo tse di timetsang batho.

A re Moruti Leteemane a phuthele dinku mo sakeng la tsone, ka a kgethilwe go nna modisa yo o molemo  mme a di dise, a di tlhokomele,   a batle tse di timetseng , a lekole tse  di lwalang  a bo a di fe pholo, a tlamele tse di mo sakang  ka lerato.

A re tiro ya moruti ke go ruta le go phutha letsomane, eseng go itshunya nko mo ditsamaisong tsa kereke tse di sa mo lebanang jaaka tsa tsamaiso ya madi. O tsweletse  a re mo kerekeng ya St Augustine go na le tsamaiso, karolo nngwe le nngwe e na le motlhokomedi wa yone go itsa tlhakatlhakano.

A re bopelotshetlha ja baruti bo ba fetotse pina, segolo jang fa ba nna dinalanyana ba itirisetsa ditsa kereke ka fa ba ba tlang ka teng O kopile moruti go itlotla gore le phuthego e mo tlotle e bo e mo tlotlomatse ka tiro ya gagwe le boitshwaro jo bontle jo a bo e direlang.

O ile a re ga go tlhokafale gore moruti a ipolelele phuthego kana a e gakolole ka maemo a gagwe. A re fela fa a dira ka fa tshwanelong, phuthego ke yone e tla a bolelang bonatla, nonofo, bopelotelele le boikobo jwa gagwe mo  go direleng  Modimong.

Fa a itebaganya le phuthego Bishop Beleme o ile a supa fa a  tlhaloganya sentle gore phuthego ya Serowe e santse e baba lebadi ka ditiragalo tse di neng tsa dira gore e tlhoke moruti, mme a kopa Moruti Leteemane go sa kgoboleng ntho legogo,  O ile a re go nna lebaka le le leele ba sena moruti o solofela go sa ba lebatsa tsamaiso ya gore moruti o a tlhokomelwa, oa tlholwa, o fiwa dijo le lone lerato segolo jang ka a sale monana.

Moruti Leteemane  a re fa phuthego e sa mo eme nokeng ya mo thusa, ga a kake a kgona thomo ya Modimo, mme a supa fa a tswa kgakala a direla kereke ya gagwe ka keletso ya gore nako nngwe o tla a nna moruti, mme a lebogela sebaka se go amogela thomo le pitso ya Modimo. A re

O solofeditse diphuthego tse a di okametseng gore ga ana go ba swabisa, mme a re thata le nonofo di tla a tswa kwa go yo o mo romileng kwa legodimong, a tlatsa ka gore phuthego le yone e  rapele  gore Modimo o e thuse.

Fa a latlhela la gagwe molaodi wa kgaolo ya Legare Mme Thobo Mapitse o ne a re, ke ditshegofatso gore Moruti Leteemane a bo a tlhomiwa a neelwa boikarabelo ja tirelo Modimo segolo jang mo nakong e bodirela puso le setshaba  ba tlhokang dithapelo  ka ba amega letsatsi le letsatsi mo ditirong tse di ngomolang pelo tsa botlhoka tsebe ja banana, kgokgontsho le  dipolaano tse di golelang pele mo lefatsheng leno.

Mme Mapitse a re lefatshe leno le tlhoka dithapelo, mme ka Moruti Leteemane ele monana  o solofetse gole gontsi mo go ene go aga tshaba ya lefatshe leno, a re seabe sa gagwe se ka tlisa pharologano e ntsi mo bananeng ka ba tla a mo tlhaloganya botoka.

O ile a kopa baruti  go rapelela lefatshe leno , segolo jang mo nakong e re e lebileng ya  ditlhopho tsa setshaba gore di robalelwe ke ditlhokwa fela jaaka nako tsotlhe. O kopile batho go ikwadisa le gone go tsena diphuthego tsa dikgotla go itse gole gontsi ka mananaeo a puso ka ele gone kwa  a rolwang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : SEROWE

Event : Go tlhomiwa ga moruti

Date : 12 May 2014