Breaking News

Kitso ya dikhomputara e botlhokwa

12 May 2014

Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Tswapong Borwa, Rre Hope Letsatsi a re go dirisa dikhomputara ke nngwe ya mekgwa e e tlwaelesegileng thata mo malatsing ano.

O buile jalo kwa metseng ya Maape le Moshopha kwa dikole tse dipotlana tsa Mophaneng le Moshopha di neng di abelwa dikhomputara ke ba mokgatlho wa sesole sa Botswana wa golf bosheng.

A re mo malatsing a gompieno dikhomputara ga se sengwe sa go supa fa go a bo go gatetswe pele mo go tsa setegeniki mme ke tsela nngwe e setshaba se e dirisang mo go tsa thuto, ditlhabololo le papadi.

Rre Letsatsi yo o neng a bua mo boemong jwa mopalamente wa Tswapong bokone yo e bileng e le mothusa tona wa temo thuo Rre Oreeditse Molebatsi a re,  lephata la thuto le simolodisitse dithuto tsa dikhomputara mo dikoleng tse dipotlana mo lefatsheng leno go ruta baithuti ka botlhokwa jwa dikhomputara le tiriso ya tsone e e ka tokafatsang  maduo ya bo ya  dira tiro motlhofo.

Rre Letsatsi a re go simololwa ga dithuto tse  mo dikoleng tse dipotlana, ga se go ntsha bo mankge ba tsone  mme ke go ba fa dikitso le boitseanape jo bo tla a ba thusang mo dithutong tsa bone ka kakaretso. O tsweletse a re dithuto tse di tla a thusa baithuti go nna le kitso e ba tla e dirisang mo matshelong a bone a tsatsi le letsatsi.

O tsweletse a re lenaneo le la go ruta bana dikhomphutara kwa dikoleng tse dipotlana ga le felele fela  koo mme ke thulaganyo e e tla a tswelelang kwa dikoleng tse dikgolwane go tsenelela mo botshelong jotlhe jwa moithuti. A re lenaneo la thuto la go ruta baithuti ka tiriso ya dikhomputara le itebagantse le go ntsha Batswana mo mekgweng ya segologolo ya go dira mme la ba tsenya mo go ya segompieno ya go dira ka maranyane.

A re dikgwebo tse ditona le itsholelo ya lefatshe ka bophara di dirisa maranyane a dirisang dikhomputara go sekaseka le go isa molaetsa o e leng wa nnete e bile o amogelesega kwa go tshwanetseng.

Rre Letsatsi a re go fa baithuti dikitso ka dikhomputara le maranyane  go tla ba fa lesedi la tsone le go dira tshaba le babereki ba isago go nna mo seemong se se siameng sa go dirisa botegeniki jwa dikhomputara.

Fa a rola dikhomputara tseo, Colonel Tebo Dikole go tswa kwa sesoleng sa Botswana o  boletse fa e le ba sesole ba dumela mo go direng ka setlhopha.

A re ba itlamile go kopana le maphata a mangwe mme ba tsweledisa matshego a lefatshe leno a 2016.

A re sesole sa Botswana ngwaga le ngwaga se dikologa le lefatshe leno se dira meletlo ya mmino mme se felele se abela setshaba madi a se a dirileng. O tsweletse a re ba motshameko wa golf  ba bone go tshwanelwa gore le bone ba nne le se ba se direlang setshaba. O  rotloeditse ba metshameko e e farologaneng go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke ba mokgatlho wa golf.

Mogokgo wa sekole sa Moshopha Mme Shasha Solotate o lebogetse dimpho tsa dikhomputara a bolela fa ba tla a di dirisa ka fa tshwanelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Kabo ya dimpho

Date : 12 May 2014