Breaking News

Bagodi ba leboga Maranatha

12 May 2014

Bagodi ba Francistown le mafelo a a gaufi le toropo eo ba ba amogelang madi a tandabala kwa posong ya Francistown, ba opetse ba mokgatlho wa Maranatha Help Centre legofi ka thuso e ba e ba fang, ya go ba isetsa dijo kwa posong.

Mongwe wa bagodi bao, Rre Ontiretse Montsho a re o itumela thata ka tiro e ntle e e dirwang ke ba mokgatlho oo ka o ba fa seriti. Rre Montsho o buile jalo mo potsolotsong fa maloko a mokgatlho wa Maranatha Help Centre a ne a ba iseditse dijo kwa posong ka letsatsi la dikamogelo.

A re go le gantsi fa ba ya kwa posong ba phakela thata mme ba tlhoke le yone nako ya go bona tse diyang maleng ka ba a bo ba gopotse mela e meleele ya dikamogelo.

Rre Montsho a re ba mokgatlho wa Maranatha Help Centre ba tswelele ka lerato le tlotlo e ba e fang bagodi, a tlatsa ka gore ba tla segofala ka ba dira thato ya Modimo ka gonne ba setse morago molao o o reng tlotla mmago le rrago gore malatsi a gago a okediwe mo lefatsheng.

Mme Itani Maseko wa Tsamaya le Mme Florah Mapeta wa Jamataka, ba boletse gore dijo tseo di botlhokwa ka jaana ba tswa kwa malwapeng a bone phakela thata gore ba tle go nna ba ntlha kwa posong.

Ba re tlala e inaakanya le bone fa ba ise ba thusiwe mme go sena se ba ka se jang le one madi  a go reka dijo tota a seo.

Jalo he, ba bolela fa dijo tse ba di fiwang ke ba mokgatlho o di le mosola thata, e bile ba akgola ba bo ba rotloetsa maloko a Maranatha Help Centre go tswelela ka mowa oo wa lorato, ba tlatsa ka gore ba tla segofala ka gotwe go sego letsogo le le abang go nale le le amogelang.

Mme Kereeditse Mpoloka wa dingwaga tse di masome a ferabongwe le boraro, ene o boletse fa a itumetse fela thata ka dijo tseo, a re ke tiro e ntle go bona bagodi e se morwalo wa puso fela mme go nale bangwe ba ba supang fa ba kgathala ka bone.

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa mokgatlho wa Maranatha Help Centre Mme Mamcy Victor a re ba isetsa bagodi dijo tseo mo diposong tsotlhe tse di mo Francistown.

Mme Victor a re ntswa mokgatlho o o le mosha go tlhamiwa, dikgwetlho tsone di teng jaaka letlhoko la madi, a ba a kopa dithuso mo setshabeng ka kakaretso gore ba tle ba kgone go thusa bagodi botlhe mo Botswana.

O tlhalosa fa ba se bantsi mo mokgatlhong oo mo ba ka sekeng ba fitlhelele diposo tsotlhe ka letsatsi le lengwe fela.

Mme ba bone gore ba ise dijo kwa diposong ka malatsi a a farologaneng.

Mme Victor a re mokgatlho oo o simologile kwa Francistown mme ba batla o anama le lefatshe lotlhe mo isagong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 12 May 2014