Go tlaa tlhomiwa lekoko - Modubule
12 May 2014
Palamente e dumalane gore go tlhomiwe lekoko le le tla bong le lebagane le go tlhotlhomisa dikgang tse di amang mapodisi ka go gopolwa gore fa lepodisi le dirile phoso, barwarrabo ga ba tlhotlhomisiwe kgang sentle.
Se se boletswe ke mopalamente wa Lobatse, Rre Nehemiah Modubule mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Woodhall bosheng.
Rre Modubule a re e re ka Batswana ba ne ba le sebete se molangwana ka dikgang tse di amang mapodisi ba tsaya gore ya bo e le mo ka mapodisi a itlhotlhomisang, go bonwe gore go tlhongwe lekoko le le ikemetse gore ke lone le tlhotlhomise dikgang tsa mofuta o.
A re e ne e re fa lepodisi le diretse motho molato, e bo motho wa go nna jalo a sa dumele gore a mme go tla a tsamaya sentle ka lepodisi leo le tlhotlhomisiwa ke le lengwe, a tlatsa ka gore le fa kgang ya teng e tlhotlhomisitswe ka boammaaruri, ga go dumelwe gore e tsamaile ka fa tshwanelong, go gopolwa fela gore mapodisi ba a sireletsanya ka yo o tlhotlhomisang kgang a ikgopola gore le ene o ka dira molato.
Rre Modubule a re go ntshitswe P4m go dira ditiro tsa matlalo mo Lobatse tsa Leather Parker,a re tiro e e tla a tsisetsa banni ba Lobatse ditiro ka go tla a bo go tla dikompone tse di farologaneng tsa matlalo.
A re palamente e dumalane le tshotiso ya gagwe ya gore Lobatse a neelwe tshwanelo e faphegileng fela jaaka toropo ya Selibe-Phikwe e diretswe, a tlatsa ka gore se e tla a bo e le tsela nngwe ya go tlhabolola toropo e e saletseng kwa morago mo ditlhabololong e.
Rre Modubule o ne gape a bolelela batsena phuthego gore ngwana yo o sa dirang Omang ka nako kgotsa ope fela ga a na go tlhola a duedisiwa madi a go mo dira morago.
O tsweletse a re batho ka bontsi ba ntse ba kgona go palelwa ke go dira Omang ka ntlha ya go tlhoka madi a go ne gotwe ba a duele, a bo a re ga se bana fela le bagolo bangwe ba paletswe ke madi go dira karata e.
E re ka a ne a beile batsena phuthego kgang ya thuto ya bana ba bone pele, Mme Kedisaletse Mophuting o ne a re bana ba malatsi ano ga ba kgalemelesege ke sone se ba sa direng sentle kwa dikolong.
Mme Mophuting o tsweletse a re fa batsadi ba re ba gakolola bana ba, ga ba reetse mo bangwe ba bone ba kgonang go araba ka gore fa ba sa kgona kwa dikolong ba tla a ya go bereka Ipelegeng. A re bana ba go nna jalo ba tlhapatsa batsadi fela thata.
A re fa e le ba ba setseng ba le mo Ipelegeng bone ba tlhapatsa bagolo ba ba berekang le bone, e bile le one madi a ba amogelang ga ba itirele sepe ka one fa ese go nwa bojalwa le go reka motsoko fela.
Fa a ntsha la gagwe Rre Mosimanegape Botanka o rile o lebogela kgang ya Omang gore e bo e baakantswe ka gore bana ba ntse ba sotlwa ke go dira karata eo.
Rre Botanka a re ngwana o ne a kgona go lopiwa P500.00 yo a neng a mo duelela kwa mapodising, a tla a re go molemo thata gore go bo go baakantswe.
O bile a akgola mopalamente Modubule a re o dirile go tlala ka diatla kwa palamenteng, le fa go ntse jalo o ne a botsa gore a mogopolo wa dithoto tsa banyalani ga oa direlwa go sireletsa batho bangwe.
Rre Ellius Rantleru e ne o ne a tshwaya Batswana phoso a re ga ba itse nnete ga ba ke ba e bua, a supa fa go itsege gore bana ba dikolo ga ba dire sentle ka gore ga go na dibuka, chalk le tse dingwe kwa dikolong tse di ka tokafatsang maduo.
Rre Rantleru a re ngwana o ka dira sentle jang go sena se a rutwang ka sone,a tlatsa ka gore fa dilo tse di santse di ntse jaana ga go na jaaka maduo a bana a ka tokafala.
Fa Rre Ontiretse Olerilwe e ne o ne a batla go itse gore diphatlha tse di tlogetsweng mo gare ga metse ya Lobatse di tlogeletsweng eng. Mme Serwalo Tumelo e ne o ne a ngongoregela gore maphata a puso ka bontsi mo toropong ya Lobatse a hirisitse, a botsa gore tota mafelo a hirisitsweng ke a bo mang kgotsa ke a ga mang.
Mme Tumelo a re o ipotsa gore a tota fa go sena lefelo fela le go ka tweng ke la maphata a puso jaana, a ga se gore gongwe go direlwa gore motho mongwe a tle a akole madi a maphata a a duelang.
A re bana ba sekole se segolwane sa Lobatse ga ba kake ba dira sentle ka gore sekolo sa teng se leswe, go diphatlha bana ba tswa gongwe le gongwe, a re o ipotsa gore a bagolwane ba kile ba etela sekole se go ya go bona matlhotlhapelo a a koo.
Bontsi jwa batsena phuthego e, ba ne ba supa fa go le leswe kwa dipateleng tsa Lobatse ka bobedi e bile go sena dikobo. Ba re ba ipotsa gore a mme molwetsi o ka sidilega a okelwa mo lesweng e bile go sena se a ikokegang ka sone, mme bangwe ba supa fa ba ne ba dirisa di tsa bone fa ba robetse kwa sepateleng sa Athlone.
Ba re se se gakgamatsang ke gore mo tumalanong ya konteraka, go supile fa rakonteraka a tla tlhokomela sepatela seo ka tsotlhe tse di tlhokegang di tshwana dikobo,malao le yone mesamo tota.
Fa akgela mokhanselara wa Woodhall Rre Molaodi Mantle o ne a re batho ba tshwantshanya dilo tse di sa tshwaneng fa e re ba bua ka dikobo tsa dipatela ba bo ba bua ka tse tautona a di abang.
Rre Mantle a re ene ga a itse gore a dikobo tse tautona a di abang e a bo ele tse di kopetsweng sepatela kana jang. A re e le bagolwane jaaka makhansela, molaodi le ba bangwe ba ne ba etetse sepatela sa Athlone ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga o no.
Rre Mantle a re dilo tse dintsi di ntshiwa mo Lobatse ga a itse gore mathata ke eng, ntswa ba okametswe ke dikgaolo jaaka Ramotswa,Kanye le kgaolo potlana ya Goodhope. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 May 2014