Bokeresete ke go dira molemo
12 May 2014
Molomaganya ditirelo tsa HIV/AIDS go tswa kwa ofising ya ga molaodi mo kgaolong ya Borwa, Mme Basadibotlhe Lebogang a re thuto ya sekeresete ga se go bala baebele, go rapela le go opela difela fela.
A re thuto ya sekeresete ke go dira molemo jaaka go aba dimpho mo go dirilweng ke ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity (ERPU) ka go abela ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu dithoto tse di farologaneng di akaretsa diaparo,dikobo le diemere.
Mme Lebogang o tlhalositse fa dilwana tseo di sa abelwe baithaopi ba mokgatlho oo mme di tla a abelwa bangwe ba ba nang le letlhoko. Mme Lebogang a re ba kereke e ba diragatsa letshego la tebelopele ya setshaba ya 2016 la tshaba e e lorato e bile e le kutlwelobotlhoko.
O tsweletse a re Batswana ba tswa kgakala ba le lorato mme jaanong mo malatsing a segompieno mowa oo oa latlhega ka ntlha ya gore bontsi jwa bana ba gompieno ba rata khumo le go ikgagapelela, a re selo se, se ba latlhisa mowa wa go abelana.
Mme Lebogang a re Batswana ba itsiwe e le tshaba e e faphegileng e e lorato, e bile lorato lo Batswana ba nang le lone ga le yo mo ditshabeng tsa mafatshe a mangwe. A re ka dikereke di tswa kgakala di dira ditiro tse dintle, maloko a tsone ga a aga tsone dikereke fela mme a agile dikole le dikokelo.
O boletse fa ba kereke ya ERPU ba tla a okelediwa ka gore ba supile lorato ka go aba. E ne e rile go le pele a amogela baeng Moruti Kepatilwenyana Mabe a re ke ka thata le tlhotlheletso ya Modimo gore ba bo ba kgonne go gopola ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le go ba abela dimpho.
Mme Mabe a re ba bone go le maleba gore ba abele ba ba tlhokileng lesego ka ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu, ka ke bone ba itseng batho ba ba tlhokileng lesego botoka.
Rre Morulaganyi Letshwao a re e le ba kereke ya Unity ba bone gore ba seka ba iphotlhara fela ba abele ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu, a tlatsa ka gore thulaganyo e ya go aba e rotloeditswe ke bomme ba kereke eo.
A re kereke e tshwanetse go leba setshaba se e tshelang mo go sone go na le go iteba ele esi .Rre Letshwao a re ba dira se ka ba itse gore Modimo o rata motho yo o abang bogolo jang fa a dira ka lorato.
Moemedi go tswa kwa go ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu kwa Kanye Mme Oarabile Ross o rile go tla a nna le thulaganyo e e tla a itseweng ya gore dimpho tse ba di abetsweng tseo di ile kae.
Mme Ross a re e le baithaopi ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu ba bereka ka maitlamo a go thusa batho ba tshegeditse setho sa bone e bile ba sa sekamela mo letlhakoreng lepe la sepolotiki.
A re mokgatlho wa bone ke o o ikemetseng le mororo ba thusanya le puso, a supa fa bone ele baithaopi fela ba ba sa duelweng ke ope, mme motho yo o thapilweng fela ele mokwaledi mogolo wa mokgatlho.
O tsweletse a re fa motho a dira ka boithaopo Modimo o a mo segofatsa e bile tebogo ya gagwe e tla ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng,a tlatsa ka gore ba tlhoka baithaopi kwa mokgatlhong oo. Mme Ross a re gore motho a nne leloko la bone o duela P20.00 ngwaga le ngwaga kgotsa o duela P200.00 yo e leng wa botshelo jotlhe.
Fa a leboga Mme Lesedi Ejeleng o kopile bakaulengwe ka ene gore ba seka ba kgobega marapo mme ba tswelele ka moono o wa go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Mme Ejeleng a re ga ba a tshwanela go kgobega marapo ka e bile seaparo sa kereke ya bone se tsamaalana le letshwao la sefapaano se sehibidu, a bo a rotloetsa maloko a kereke go ya go ikwadisa kwa go ba mokgatlho oo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Kabo-dimpho
Date : 12 May 2014