Ba rotloediwa go inamola lehuma
12 May 2014
Setshaba se kopilwe go dirisa mananeo a puso ka fa tshwanelong gore a seka a phutlhama.
Mafoko a, a builwe bosheng ke kgosi ya motse wa Taung Kgosi Lebogang Masie jaaka a ne a amogela batsena thutopuisano ya nyeletso lehuma .
Kgosi Masie o ba kopile gosomarela thata dithut tse ba dineelwang le gone go atla le go atisa se ba tla a se neelwang.
O tlhalosistse gore ba shwanetse ba lemoga gore gaba patelediwe mananeo jalo go botlhokwa gore ba itlhophele se ba se batlang.
E rile a ntsha la gagwe mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego kwa Ramotswa Mme Semakaleng Moamogwe, a supa fa go se monate go kopela ruri mme go le botlhokwa gore motho le ene a ipone a kopiwa nako nngwe.
A re, lefatshe le le kile la ne le balelwa mo go a a humanegileng thata ka nako ya le tsaya boipuso mme la tswa ka mananeo a a farologaneng go thusa Batswana.
O boletse fa mo nakong eno, puso e itebagantse le go thusa batho ba ba farologaneng go akaretsa le batlhoki ba ba thusiwang ke ofisi ya boipelego ka dijo.
O kaile fa maikaelelo e le go ruta ba ba santseng ba na le natla ka mananeo a a farologaneng gore ba tle ba supe kgatlhego ya bone mo go se ba ka se kgonang go kgona go fetola matshelo a bone.
Mme Moamogwe o supile gore ba ba tla a tsayang mananeo mme ba phakisiwa dijo, ba tlaa tswelela ba phaka sebaka sa ngwaga tse lhano, mme morago ba tla a sutlhiwa mo mophakong ka go tla a bo go solofelwa fa ba setse ba itiretse sengwenyana.
A re batho ga ba patelediwe mananeo ka jalo go botlhokwa gore ba le aramele lesa ba tlhabetse ka ga ba itse se se tla a diragalang mo dingwageng tse di tlang.
Mme Moamogwe o tlhalositse gape gore go botlhokwa gore fa batlhoki ba tsaya mananeo,ba rerise ba malwapa a bone gore e re fa go na le bothata ba thusane.
O ba tlhaloseditse fa ba tla a rutiwa go tsamaisa dikgwebo tsa bone mme a ba kopa gore le bone ba rute ba malwapa a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAUNG
Event : Thuto puisanyo
Date : 12 May 2014