Lephata le kgaratlhela Batswana
12 May 2014
Go bolelwa fa lephata la temo thuo le tswa kgakala ka mananeo a go tokafatsa matshelo a Batswana.
Mafoko a a boletswe ke molemisi wa kgaolo ya Taung, Mme Keheng Basiame jaaka a ne a tlhalosetsa batlhoki ka mananeo a puso.
Mme Basiame o tlhalositse fa go na le lenane la LIMID, le le kgaogantsweng ka dikarolo di le dintsi. E rile a tlhalosa ka mananeo a mangwe, a bolela fa mo lenaneong la dikoko le dipodi, moikopedi a thusiwa ka P10-000 go reka diruiwa le melemo ya tsone.
Mme Basiame o tlhalositse fa mo lenaneong la dipodi, moikopedi a rekelwa dipodi di le lesome, tse di namagadi di roba bongwe le e le nngwe ya phoko. A re podi e namagadi e rekwa ka P700 fa phoko yone e rekwa ka P1400, mme madi a a salang ke a go reka melemo le dijo.
Fa a tlhalosa ka lenaneo la dikoko, Mme Basiame o supile fa lenaneo le, le lone le thusiwa ka P10-000, mme moikopedi a agelwa hoko ya dikoko mo lwapeng, a rekelwa dikoko tse dinamagadi di le masome a mabedi le bongwe le mekoko e le mene, fa koko e namagadi e rekwa P55-00 mokoko one o rekwa P65-00.
Fela jaaka lenaneo la dipodi, madi a a salang ke a a tla rekelang dikoko melemo le dijo. Mme Basiame o tlhalositse fa moikopedi a tshwanetse go ikopanya le ba ofisi ya boipelego fa a batla mananeo a.
A re go na le lenaneo la go lema merogo, mme moikopedi o direlwa tshingwana ya merogo mo lwapeng, a tsenyediwa tanka ya metsi le gone go lemelwa merogo.
O supile fa ka lenaneo le, moikopedi a solofelwa go dirisa metsi a pula go nosetsa, fa a pompo one a ka dirisiwa fela fa go sena metsi gotlhelele.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya Forestry Rre Olefile Mahupu, o tlhalositse fa ba ofisi ya bone, ba na le lenaneo la go lema ditlhare le dithunya mme ba thusa moikopedi ka tanka ya metsi le go mo agela tshingwana. A re pharologanyo ke gore moikopedi ga a dirise metsi a pompo. O tlhalositse fa moikopedi a isiwa dithutong tsa go lema ditlhare sebaka sa beke kwa Sebele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAUNG
Event : Phuthego
Date : 12 May 2014