Setlhopha sa Letlapeng se tlaa tshwara moletlo wa phenyo
12 May 2014
E re le ntswa setlhopha sa Letlapeng se tlhatlogetse kwa leking e kgolwane ya Be-Mobile, go bolelwa fa se ne se raletse dikgwetlho.
Se, se boletswe bosheng ke modulasetilo wa setlhopha seo Rre Sydney Magagane kwa phuthegong ya go lekodisa balatedi ka seemo sa setlhopha le go betla tsela go ya pele. Rre Magagane o tlhalositse fa ba ne ba dirisa P12 000 kgwedi le kgwedi go duela batshameki ba le bane gammogo le mokatisi.
E re le ntswa go ntse jalo, batshameki bao ba ne ba sa tlhokomelesege, se se bo se tlama mokatisi go epa mo kgetsing ya gagwe go ba rekela dijo, sengwe se Rre Magagane a kaileng se sa siama.
O boletse gape fa ba ne ba bereka ka komiti e e tlhotsang, ka bangwe ba ne ba ikgogela morago ba sena go tlhophiwa mme bangwe bone ba ne ba bereka ka go kgotlediwa.
Rre Magagane o supile fa mokatisi a ntshitse lenaneo la gagwe le a solofelang le ka mo kgontsha go itshwarelela mo leking e kgolwane. O boletse fa mokatisi a batla go rekelwa batshameki go nonotsha setlhopha se a nang le sone.
O kaile fa ba tlhoka P30 000 go reka batshameki mogodimo ga moo ba tlhoka le one madi a go reka didirisiwa tsa ikatiso. O tlhalositse fa ngogola Rre Odirile Monare a ne a ba rekela didirisiwa tsa P12 000, selo se a bolelang ba se lebogela fela thata.
O kaile fa ba ne ba tabogile le go kwadisa ka fa molaong Tshiamo Moreetsi, yo ditlhopha di le tlhano di setseng di supile kgatlhego mo go ene mme ba kgonne go mo ngoka gore a beye konteraka ya ngwaga tse pedi monwana.
Rre Magagane o boletse fa ba tla dirisa mebala e e latelang; o montsho le bosweu, bontsho le bohibidu gammogo le bosweu le bohibidu. O boletse fa ba berekela mo legoeleleng ka ba sena madi mme a solofela fa kemonokeng ya barotloetsi ka tsotlhe tse ba nang le tsone e ka thusa fela thata.
Mo go tse dingwe o kopile balatedi go baya dipharologano tsa bone kwa thoko gore ba kgone go aga setlhopha se se tiileng, se emetse kgaolo ya ga Malete.
O supile gore le fa mo nakong eno ba sena ofisi e ba berekelang mo go yone , go botlhokwa gore ba nne le yone. E rile ba tswa la bone, balatedi ba supa fa ba itumelela tiro e ntle e e dirilweng ke komiti e e neng e goga setlhopha.
Ba re go botlhokwa go batla lebala gaufi jaaka la Police College kana la Old Lobatse Stadium le gone go dira komiti ya balatedi gammogo le batho ba ba tla a laolang tlhakatlhakano e e ka lekang go tsoga ka nako ya metshameko.
Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang moletlo wa phenyo Rre Jonathan Selelo ene o boletse fa ba akanya go ipela ka Seetebosigo. O kopile balatedi go ba ema nokeng ka madi le sepe fela se ba nang le sone. A re fa dilo di ka tsamaya sentle, ba ikaelela go ya go fitlha kwa metseng ya Otse, Mogobane le Taung, ka le bone setlhopha se tla a bo se ba emetse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego
Date : 12 May 2014