Breaking News

Ipelegeng e namola letlhoko la tiro

11 May 2014

Banni ba Olifant’s Drift kwa kgaolong ya Kgatlenga ba re ba kopa gore dipalo tsa Ipelegeng di okediwe ka jaana e ba namola mo letlhokong la tiro e bile e ba tswela mosola ka ba kgona go itshetsa.

 E rile modulasetilo wa komiti ya tlhabololo ya motse Rre Tanki Mosimane a bua mo phuthegong ya badirelapuso bosheng a kopa gore dipalo tsa babereki ba Ipelegeng di okediwe ka go supagetse fa batho ba tla ba le bantsi go ikwadisetsa go bereka Ipelegeng.

A re banana mo motseng ba tla ka dipalo tse di kwa godimo ka nako ya phiro mme seo ka bo sone se supa fa go na le letlhoko mme koketso ya palo e ka araba kgang e.

 Le fa go ntse jalo, a re e le ba komiti ya ditlhabololo ba na le dingongorego ka banana ba firwa mo Ipelegeng mme e re morago ba gane go bereka le gone go tsenya baeteledipele dingalo ka nako ya tiro.

Mo go tse dingwe, Rre Mosimane o ne a ngongorega ka batsadi ba ba romang bana bojalwa le metsoko ntswa go sa letlelesege go dira jalo e bile e le tlolo molao.

A re batsadi ba maoto a tshupa fa go tla mo dithutong tsa bana mme seo se isa  maduo a bana kwa tlase ka gore thuto e nna motlhofo fa batsadi ba e tshwaraganela le barutabana.

Modulasetilo o ne gape a ngongorega ka balemi ba ba phuaganyang masimo a bone morago ga go lemelwa ke puso a re seo se busetsa maitlamo a puso kwa morago bogolo jang ka go dirisiwa madi a mantsi go lemela batho. 

 Mogolwane wa thuto yo o okametseng kgaolo ya Mochudi Botlhaba Rre Sebaela Ngwako o ne a iteela kobo moroko mo go tsa thuto a supa fa e le boammaaruri ka jaana a kile a tla a tsaya beke a le mo motseng wa bone mme ba ne ba  sa bonala kwa sekolong.

 Rre Ngwako a re ba ne ba bitsa  phuthego ya batsadi le barutabana mme ga gona motsadi yo o neng a tla mme a supa fa seo se tshwenya fela thata ka jaana thuto ya bana ke  yone konokono mo bokamosong jwa bone.

 O ne a rotloetsa batsadi go ema ka dinao go tshwaraganela thuto ya bone le barutabana a re seo se tiisa ngwana moko mme gape a kopa batsadi go nna ba tlhatlhoba tiro ya bana ya sekolo go bona gore ba dira jang.

Rre Ngwako o ne a kopa batsadi go fa bana nako ya go dira tiro ya sekolo e seng go rongwa majalwa le metsoko le go tlhokomela bomonnaabone ka seo e se tiro ya bone e bile go ba kgoreletsa mo go ntsheng maduo a a nametsang.

Mothusa molaodi wa Kgaolo ya Kgatleng Mme Lydia Chere a re maikalelo a diphuthego tsa mothale o ke go ruta setshaba ka ditirelo tse maphata a puso a di fang Batswana le gone go ba ruta ka mananeo le ditsamaiso tsa puso.

A re gape diphuthego tse di thusa go araba dilelo dingwe tse Batswana ba nang le tsone mme ba thusiwe ka bonako go na le go ema sebaka gore go nne le phuthego.

Mme Chere le ene o ne a tsaya sebaka seo go kopa batsadi go tlhokomela bana ba bone ka e le tshwanelo ya bone go dira jalo.

 A re ngwana ga a tshwanela go kgorelediwa mo dithutong tsa gagwe ka di le botlhokwa mo bokamosong jwa gagwe.

Mothusa molaodi o ne gape a itsise banni ba motse oo fa mo nakong e e sa fediseng pelo ba tla atameletswa ditlamelo go tswa kwa Mochudi go ya kwa Mmathubudukwane ka jaana go tlaa bulwa lefelo la ditlamelo kwa motseng oo.

A re seo se tla fokotsa mosepele o moleele o batho ba neng ba o tsaya go ya go kopa dithuso kwa Mochudi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : OLIPHANT’S DRIFT

Event : Phuthego ya badirelapuso

Date : 11 May 2014