Breaking News

Bagolo ba kuketsa boitaolo jwa bana

11 May 2014

E re le ntswa banana ba amega mo borukutlhing jo bo diragalang mo kgotleng ya Sefoke, bagolo ke bone ba bakang se, ka gore ke bone ba ba rekisetsang majalwa, ke bone beng ba madirelo a dibara gape ke bone ba rekisetsang majalwa mo malwapeng.

Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodise a Tlokweng,  Superintendent Lebalang Maniki, fa a ntsha tekodiso ka seemo sa borukutlhi kwa kgotleng ya Sefoke ka Matlhatso.

Superintendent Maniki o boletse fa bagolo e le bone ba rekisetsang banana ditagi, mme kwa morago banana e nne bone ba ba bolaanang fa ba sena go nwa le go goga ditagi.

Le fa go ntse jalo, superintendent Maniki o boletse fa a tshwenngwa ke bakgweetsi ba ba kgweeetsang ka lebelo le le feteletseng mo tseleng ya Tlokweng/Zeerust, le batho ba ba kgweetsang ba nole bojalwa.

O kopile bakgweetsi go elatlhoko bagolo le bana ba ba emang fa thoko ga tsela, mme a ba kopa go fokotsa lebelo fa ba bona batho ba, ka ba ka tsena mo tseleng ba sena kelelelo.

O boletse fa ba tshwenngwa ke melato ya bomme ba ba betswang tsatsi le letsatsi, mme o supile fa melato e mengwe e fokotsegile mo ngwageng e e fetileng.

Superintendent Maniki o boletse fa ba na le molato o le mongwe, wa motho yo a bolailweng mo kgotleng ya Sefoke.

O boletse fa melato ya go thujwa ga matlo bosigo le motshegare, dikotsi tse di gapang matshelo a batho, go thujwa ga madirelo le diofisi di fokotsegile.

Superintendent o ikuetse mo baaging ba kgotla ya Sefoke go tsena diphuthego tsa kgotla tse ba di bitsang, a supa fa se, e le nngwe tsela ya go fokotsa borukutlhi mo kgotleng eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TLOKWENG

Event : Tekodiso

Date : 11 May 2014