Breaking News

Masalela a diile kago ya ditsela

11 May 2014

Mafaratlhatlha a ditselana tse di dirwang kwa Letlhakeng a saletse kwa morago ka selekanyo sa dikgwedi tse pedi, lebaka e le go epololwa ga marapo a baswi ba ba saleng jaaka ba fitlhwa bogologolo.

E rile a lekodisa mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone ka tswelelopele ya tiro eo, mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Mme Baipelelang Photlokwe a tlhalosa fa banni ba Letlhakeng ba kile ba bo ba bolokela mo malwapeng, mme a re mo mafelong mangwe a tsela e neng e tsamaya e ngatha malwapa teng go ne go bolelwa fa gona le marapo a baswi a a tshwanetseng go epololwa. 

A re mo nakong ya gompieno ba setse ba itse ka marapo a baswi a le 39 a a tshwanetseng go epolola le go fitlhwa sesa, selo se a reng se tsaya nako ka jaana go tshwanetse go rerwa le ba malwapa ka bongwe ka bongwe, mme a supa fa ba na le tirisanyo mmogo e e kwa godimo. 

Mme Photlokwe a re ba solofetse gore tiro eo e tseye sebaka sa dibeke tse pedi ka jaana ba ya go epolola le go fitlha marapo a batho ba le babedi mo letsatsing. 

Mo go tse dingwe, Mme Photlokwe a re khamphani e e dirang ditsela tseo e sa ntse e tshwerwe ke diteseletso tsa go epa mmu o bao dirisang mo tseleng. 

A re khamphani e sa ntse e tshwere le ba lephata la tshekatsheko tikologo, le a bolelang fa le lone le sa ntse le faraferwe ke dikopo tsa mofuta oo, mme ka jalo leka seke le fefose kopo ya Letlhakeng e le nosi.

Mme Photlokwe o ne gape a lela ka batho bangwe ba ba ganang go fuduga jaaka gone go dumalanwe ntswa ba setse ba jele madi a bone a phimola-dikeledi.

Mothusa tona o ne a tlhalosa gore botlhokwa jwa go nna ba tla go tlhola ditiro tseo ke go tla go itseela ka tsebe mathata a ka tswang a baka madiadia, le gore ba ka thusa jang ka bogolwane goa rarabolola. 

A re e setse ele ngwao gore dikompone di seka tsa fetsa ditiro tse ba di abetsweng ka nako le madi a dumalanweng, selo se a reng se tshwanetse go fela. A re go le gantsi go tlhoka go fetsa ka nako le madi a dumalanweng go dira gore puso le dikompone di felele di gogagogana kwa makgotleng a ditsheko.

Ditsela tseo tsa mo motseng wa Letlhakeng tse di boleele jwa 29 km di simolotse ka kgwedi ya Phalane ngogola mme di solofetswe go wetswa ka kgwedi ya Moranang ka 2016, mme di akaretsa dipone tsa mo mekgwatlheng ga mmogo le mesele ya kgopo ya metsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 11 May 2014