Breaking News

Ba Tirelo Setshaba ba simolotse go bona dikatso

11 May 2014

Banana ba lenaneo la Tirelo Setshaba (TS) ba ba dikete di  lesome le botlhano lefatshe leno ka bophara, ba simolotse go tsaya dikatso tsa bone tsa ntlha kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le matlhano.

Morulaganyi wa lenaneo la Tirelo Setshaba, Dr Bethseba Mbongwe o boletse seo mo thuto puisanong e e neng e rulaganyeditswe ditlhogo tsa maphata a puso kwa  Gumare bosheng

A re ka ntata ya madiadia mangwe a a nnileng teng mo tshimolodisong ya lenaneo le, seo se bakile tiego mo dikamogelong tsa ba ba amegang. Dr Mbongwe a re nako e e beilweng ya go amogela dikatso tsa bone ke malatsi a masome a mabedi a kgwedi nngwe le nngwe.

O  kopile ditlhogo tsa maphata go tlatsa dipampiri tse di amogedisang banana bao nako e e sale teng gore ba kgone go bona lemmenyana la bone ka nako e e tshwanetseng.

E re ka lenaneo la Tirelo Setshaba e le la boithaopo, a re monana mongwe le mongwe o fiwa lemmenyana la pula di le makgolo matlhano ka kgwedi nngwe le nngwe, mme ba bolokelwe pula tse di makgolo a mabedi  go rotloetsa monana go ithuta go boloka madi go na le go jela fela mo ganong.

A re mo dikgaolong tsa botlhophi tsa bopalamente tse di masome a mabedi le bosupa, kgaolo nngwe le nngwe e filwe  banana ba le makgolo a mabedi le masome a marataro le boraro. 

Dr Mbongwe a re mo dikgaolong tseo di le nne fela ke tsone di senang diofisi tsa lephata la banana, metshameko le ngwao ka ntata ya go tlhoka ditlamelo kwa mafelong ao.

Mo nakong eno, a re diofisi di le masome a mararo le bobedi tsa lephata la gagwe di aname le lefatshe ka bophara go itebaganya le merero ya tsa banana ka kakaretso go akarediwa lenaneo la Tirelo Setshaba.

 O gwetlhile badirela puso go tlhoafalela go diragatsa lenaneo leo gore le sologele banana molemo. 

Dr Mbongwe o boile a ba gakolola go ikgolaganya le bodiredi jwa lephata la gagwe go rarabolola bothata fa bo le teng. 

Mongwe wa bagolwane kwa lephateng leo, Mme Lesego Sepato o kopile ditlhogo tsa maphata go ikemisetsa go tataisa banana ba ba isitsweng kwa maphateng a bone go tsamaelana le maikaelelo a puso. 

O gateletse botlhokwa jwa tshwaragano magareng ga badirela puso le bana-le-seabe botlhe gore lenaneo leo le tsamaye ka thelelo.

Mme Sepato a re ba ka kgona seo fela fa ba ka nna le mowa wa neelano, bopelotelele le lorato mo go ruteng banana ba Tirelo Setshaba ka tse di tlhokwang mo go bone. 

O kopile gape bagolwane bao go ruta banana  boitshwaro jo bontle fa ba thusa setshaba, go apara sentle, go ikgapha mo sepolotiking ka nako ya tiro le go sala  morago melawana e e ba laolang ya lenaneo leo.

E ne ya re ba akgela, baoki ba dikokelwana ba tlhalosa fa go ba ketefalela go dira le banana ba Tirelo Setshaba ka tiro ya bone e remeletse mo botsogong jwa batsadi ba bana bao mme ka jalo ba ka tloga ba ntsha diphiri tsa bolwetse go akarediwa maduo a mogare wa HIV le a mangwe.

Ba rile, ere ka ba setse ba itse mekgwa le boitshwaro jwa banana bangwe ba metse e ba direlang mo go yone, go botlhabetsi go dira le banana ba go nna jalo, mme ba kopa lephata  go ntsha banana bao go ba emisetsa ka ba bangwe.

Bagolwane ba maphata a puso gape ba ngongoregetse go bo badirela setshaba ba sa fiwe lemmenyana fa ba ile peleging ntswa ba a bo ba tlhoka madi ka nako eo. 

Lenaneo la Tirelo Setshaba le simologile monongwaga ka kgwedi ya Moranang e rogwa, mme maikaelelo ke  go rotloetsa banana go tsenya letsogo mo itsholelong ya lefatshe la bone. 

Banana ba le dikete di le masome a mararo le boraro ba ne ba supa kgatlhego ya go tsena mo lenaneong leo mme ga tsewa fela ba le kwa tlase ga sephatlo sa palo eo.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : GUMARE

Event : Thuto-puisanyo

Date : 11 May 2014