Diphuthego di kgothaditswe go ntsha di tsa bosome
11 May 2014
Maloko a kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church a kgothaditswe go ntsha di tsa bolesome mo dikerekeng tsa bone.
Kgothatso e, e tsile ka moeteledipele wa kereke eo Archbishop Tshenolo Mautle mo thuto-puisanong ya kereke eo bosheng.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso Arch Bishop Mautle o ne a tlhalosetsa diphuthego fa go le botlhokwa go ntshetsa modimo dineo ka go ntsha dimpho ka lorato ka seo se ka thusa thata mo go ageng ditempele mo dikerekeng tsa bone.
Moeteledipele wa kereke o ne a gwetlha baphuthegi mo kerekeng eo go ema ka dinao go direla modimo ka go mo ntshetsa dineo ka go dira jalo modimo a ka ba segofatsa go menaganye.
O ne a kaya fa kereke eo e na le diphuthego tse dintsi mme maswabi ke gore dingwe tsa tsone le mo nakong ya gompieno ga go na fa di obamelang teng le ntswa kereke eo e sale e simologile go nna teng ka ngwaga wa 1960.
Rre Mautle o ne a kaya fa go abela Modimo go sa patelediwe mme e le go supa lorato mo go ene, a supa fa go tshwanetse gore mongwe le mongwe ka bongwe a itsheketsheke gore ene o direla Modimo eng, le gore o lopa eng mo go ene se a batlang a se mo direla.
O ne a ntsha sekai ka mongwe wa phuthego ya Ghanzi yo o neng a supa lorato mo modimong ka go abela kekere ya gagwe ya E. R. P Unity Church madi a a kanang ka P30 000 go thusa mo kagong ya kereke ya bone mme a kopa gore ba tsee malebela mo go ene.
O kaile fa bontsi jwa balatedi ba mo kerekeng eo ba segofaditswe ka mebereko, manyalo, loruo le tse dingwe mme ba sa ikaelele go leboga modimo ka sepe.
Arch Bishop Mautle o ne gape a ngongorega ka madi a phalalo a a ntshiwang ka boutsana ke diphuthego mo kerekeng eo, mme e tshwanelwa ke go duelwa ngwaga le ngwaga e e leng P30 ka ngwaga, mme a kopa diphuthego tsotlhe go ikitaya ka thupana le go tlhomamisa gore ba e ntsha ngwaga le ngwaga.
Moeteledipele wa kereke ya E.R.P Unity Church Arch Bishop Mautle o ne a tlatsa ka go gwetlha baruti botlhe go dira ka natla, boineelo, lorato, bopelotelele go itlotla le gone go rera lefoko la modimo ka boammaaruri ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo go okeleng batho mo kerekeng eo.
Mothusa moeteledipele wa kereke Bishop Motsumi Gadilatolwe fa a leboga o ne a kopa diphuthego tsotlhe go nna le mowa wa lorato, kutlwelobotlhoko tshwaragano le tirisanommogo ka seo se ka thusa mo go goleng ga kereke eo.
Bishop Gadilatolwe yo ebileng gape e le mogaka yo o tswang kgakala le kereke o ne a fa sekai ka mafoko a monna wa senatla Solomon yo o neng a ithaopela go aga tempele le bakaulengwe ka ene ka lorato, bopelotelele le boitshoko mme modimo wa itumelela se o se dirileng, mme wa mo kopa go mo lopa sengwe seo ka se mo direlang, mme ene godimo ga dilo tsotlhe a lopa botlhale fela eseng sepe gape.
O ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Arch Bishop Mautle a go abela modimo dineo a kaya fa go dira jalo motho a ka segofadiwa ka tsotlhe tse ene a di lopang gore Modimo a di mo direle.
Mothusa moeteledipele wa kereke ya E.R.P Unity Church Bishop Gadilatolwe o ne a gwetlha diphuthego tsa kereke eo go dira ka natla mo go ageng ditempele mo dikgaolong tse di farologanyeng tse go ka obamelwang mo go tsone.
A supa fa di ka felela ditsha tsa bone ba di tseelwa ke ba lekgotla la kabo ditsha fa ba sa di tlhabolole.
Bishop Gadilatolwe o ne a kopa diphuthego tsa E.R.P Unity Church go dira ka natla, go ipelefatsa le go godisa leina la mosimolodi wa kereke eo Arch Bishop Kenaleeng Katjiphaa yo o sa tlholeng a le mo botshelong.
O ne gape a kopa go godisa serodumo sa kereke eo ka e ne e eteletswe pele ke senatla sa pele se se neng sa phunyelesta ka lefoko la modimo mo lefatsheng la Botswana, Aferika borwa le Namibia.
O ne a kopa gape bogogi jo bosha mo diphuthegong go tshwaragana le go kopa mo go ba pele ka seo se ka thusa thata mo go direng dilo tse di tshwanang mo kerekeng a kaya fa letlhaku le lesha le agelewa mo go le legologolo.
Mo mafokong a gagwe a tebogo Bishop Gadilatolwe o ne akgola thata mookamedi Mothibi yo o okamatseng kgaolo ya Ghanzi le bakaulengwe ka ene go bo ba dirile go le gontsi mo go tlhomamiseng gore thuto-puisano e atlege mo kgaolong ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : GHANZI
Event : Thuto-puisanyo
Date : 11 May 2014