Breaking News

Lenyora le tlhasetse kwa Tswapong

11 May 2014

Letlhoko la metsi le le aparetseng metse ya Machaneng, Sefhare, Borotsi le Chadibe kwa kgaolong ya Legare go lebega le golela pele.

Go bolelwa fa dibeke di setse di fetile metse eo e aparetswe ke letlhoko la metsi, mme e bile seemo se, go supega fa se ama ditirelo tsa tsatsi le letsasti mo malwapeng ka go farologana le mo ditirong tota.

Mothusa mogokgo wa sekolo se se botlana sa Machaneng, Mme Gaborekwe Sedimo o supile fa seemo sa go tlhoka metsi e le kgwetlho e tona thata mo go bone. 

A  re bangwe ba barutabana ba setse ba simolotse go tlhoka go tla tirong ka ntlha ya go tlhoka se ba tlhapang ka sone. O tsweletse a re bana ba sekolo le bone ga ba apeelwe sentle ka nako tse dingwe ba kgona go tla sekolong ba bo ba boa ba sa ja sepe.

Mme Sedimo a re se se botlhoko gape ke gore le fa ba tlhotse mo sekolong ka tlala, ba tlhola gape ka lenyora le le botlhoko, a tlatsa ka gore le ntswa ba na le dijo mo sekolong metsi a teng ga ba kake ba a nwa ka a se phepa. 

A re kwa malwapeng, mo go tweng boroko gone ga ba go itse ka ba lala ba laletse thothi e e atleng e rothe bosigogare.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Asekeng Rabojang wa Chadibe  o supile fa bohutsana jo bogolo bo le mo malwapeng a bagodi ba nnang ba le nosi kgotsa ba nna le bana ba bannye. 

Kgosi Rabojang  a re ba ba nang le dikotsekara le dikoloi ke bone ba ba botoka ka ba kgona go tlala le naga ba tsoma metsi.

A re bangwe ba bone e bile ba setse ba simolotse go a rekisetsa ba ba senang bokgoni .

O  supile fa mo sebakeng se ba mo go sone go tlhapa e le selo se ba sa se tseeng se le botlhokwa , a tlhalosa fa thothi e ba e bonang e dirisiwa fela go dira se se ka tshwarang mowa.

Mme Sewacho Moeda wa motse wa Borotsi ene a re bana ba bone ba ya sekolong ba sa tlhapa, selo se a reng o na le tumelo ya gore se ama dithuto tsa bone fela thata. 

Mme Moeda a re fa metsi a seo ditiro tsa malwapa a bone di a ema, a tswelela ka go ngongorega gore e re le ntswa ba kgona go tsaya sebaka se seleele ba sena metsi, fela dituelo tsa one di nna di le kwa godimo.

O tsweletse ka gore ka nako ya fa ba sielwa metsi ke khansele, selelo sa lenyora se ne se nna teng ka sewelo mme a supa fa a eletsa gore o kare khansele e ka bowa ya nna yone e e ba sielang metsi gape.

Mongwe wa bagwebi ba babotlana kwa Sefhare, Mme Gabaitse Keodubile yo o gwebang ka go rekisa dijo a re, e sale bothata jwa metsi bo tlhagoga mo bekeng e e fetileng, kgwebo ya gagwe e eme. 

O supile fa go sena se a ka se dirang mo kgwebong ya gagwe ntle le metsi, a tlhalosa gore fa a bone thothi o apaya dijo tse dinnye mme bareki ba gagwe ba bangwe ba bo ba bereka go tlhola ba boa-boa fa go ene go sena se a ka se ba rekisetsang. 

O tlhalositse fa a beile botshelo jwa gagwe mo kgwebong  eo  mme  fa e sa dire jaana a supa fa lehuma la nta ya tlhogo le mo gomagometsa.

Banni ka go farologana ba ne ba kopa ba koporase ya metsi go tsibogela seemo se go santse go na le nako, ba supa fa letlhoko la metsi le beile matshelo a bone ka fa mosing.

E rile a araba dilelo tse, mookamela ofisi ya koporase ya metsi kwa Sefhare, Rre Simon Sentsho a re seemo se ga se ba robatse mme a supa fa se bakilwe ke go senyega ga didiba tsotlhe tse di sielang metse eo. 

A re didiba di dirisa motlakase mme ka go tlhoka lesego go ne ga diragala gore dingwe tsa didirisiwa tsa tsone di she ka jalo a supa fa ba santse ba emetse bomaitsaanape go tla go baakanya.

Rre Sentsho o supile fa seemo sa go tshwana le se, e se lantlha se diragala, mme a supa gape fa go ba tsere nakonyana morago ga seemo se gore ba bone koloi e e ka thusang ka go isetsa batho metsi.

A re mo nakong eno ba setse ba simolotse go tlhoma dijojo mo metseng eo gore ba kgone go ba tshelela metsi mo go tsone go fitlha seemo se boela mannong. 

O supile fa ba dirisana le morafe ka ba tsweletse ka go gasa molaetsa wa go ba itsese ka seemo.

Rre Sentsho o kopile morafe wa metse e e amegileng go dirisa thothi e ba e bonang ka tshomarelo, a re ga go ise go senoge gore seemo se tla a bo se boetse mannong leng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : LERALA

Event : Phuthego

Date : 11 May 2014