Breaking News

Banana ba itshetsa ka mananeo

11 May 2014

Maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo lefatshemg leno go lebega a tswa tema ka jaana banana ba inaakantse le mananeo a puso a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone.

E re ka dipalo di supa fa banana e le bone ba amegeng thata mo letlhokong la ditiro bangwe banana bangwe ba Nokaneng kwa kagolong ya Okavango ba itomile molomo wa tlase go akola mananeo a a teng. 

E ne ya re go utlwa ka mananeo a puso ba seka ba ipona tsapa mme ba itlhaganelela go ya go tlhaloganya go le gontsi le gone go ikopela dithuso ka jaana ba ne ba lemoga fa puso e otlolotse seatla go ba ogola mo lehumeng la nta ya tlhogo.

Mo puisanong le Rre Steven Chombo le Gift Nteselang, ba tlhalositse fa ba ne ba ikopnaya mme ba dumalana ka bongwefela jwa pelo go simolodisa kgwebo ya tshilo. 

Gompieno jaana ba setse ba bone lefelo e bile ba dirile tsotlhe tse di tlhokegang, ba emetse fela thuso ya madi go tswa kwa ofising ya banana. 

Rre Chombo a re ba kgonne go kwadisa kompone ka fa molang ngogola e e bidiwang Chostar Investment mme ba na le tumelo ya gore Modimo o tla araba kopo ya bone ka jaana kgwebo eo e tla sologela banni mosola.

A re ba itlhophetse go simolodisa kgwebo ya tshilo ka jaana ba lemogile fa go na le letlhoko la bopi jwa mabele mo kgaolong ya Ngami. 

Ba re ba ne ba lebile gape gore kompone eo e ka tlhamela banana ba bangwe mebereko ka bontsi bo saila fela bo sa dire sepe. 

Ba re e re ka Setswana se re, ‘moroto wa esi ga o ele’, ga ba ka ba phutha matsogo fela mme ka kemo nokeng ya batsadi ba bone ba kgonne go reka didirisiwa go tswa Zimbabwe mme ba solofela fa di tla goroga mo nakong e khutshwane.

E re ka go supagetse fa banana bangwe ba sa kgone go emelana le dikgwetlho tsa dikgwebo, bobedi joo bo supile fa bone ba ipaakanyeditse seemo sepe fela. 

Ba re ba dumela fa kgwebo e batla motho yo o pelotelele e bile a ikemiseditse go wa a tsoga le kgwebo ya gagwe. 

Ba re manokonko a letlhoko la ditiro a ba babaletse ka jalo ba tla emelana le dikgwetlho tseo gore kgwebo ya bone e gole, e bo e dire le dipoelo tse di nametsang. 

Ba re ba dumela fa kgwebo eo e ka lwantsha letlhoko la ditiro mo motseng wa bone e bile gape e ka kgothatsa banana ba bangwe go tsaya malebela le gone go ikemela ka dinao go dirisa mananeo a puso.

Rre Chombo o supile fa a utlwisiwa botlhoko ke go bona banana bangwe ba a godileng le bone ba inaakantse le nnotagi ka ntlha ya letlhoko la ditiro. 

A re ba na le tshepo ya gore kgwebo ya bone e tla gola mme e tsale ditiro tse dingwe tse di tla thapang banana ka bontsi

. O rotloeditse banana gore ba seka ba nna fela ka tsholofelo ya gore puso e tla ba direla sengwe le sengwe, a re le bone ba tshwanetse ba iphataphatela ka jaana Motswana a rile, ‘mokoduo go tsoswa yo o itekang’. 

A re fa batho ba ne ba ka tsibogela dithuso tsa puso mme ba di diragatsa ka fa tshwanelong, ruri lehuma e ne e tla nna selo sa maloba e bile le yone tebelopele ya setshaba e ne e ka fitlhelelwa ke botlhe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : NOKANENG

Event : Potsolotso

Date : 11 May 2014