Ikwadisetso ditlhopho e bonya kwa kgatleng
11 May 2014
Mogolwane wa lekgotla la ikwadisetso ditlhopho la IEC kwa kgatleng, Rre Boemo Mpolokeng a re setshaba se ikwadisetsa ditlhopho tsa tlaleletso ka boutsana.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Mpolokeng a re ba lemogile fa tshologelo e e kwa tlase e e se fela mo kgaolong ya Kgatleng mme e le selo se se anameng le lefatshe leno lotlhe.
Rre Mpolokeng a re ga ba kake ba re setshaba ga se itse ka ikwadiso ya tlaleletso e ka gonne ba e anamisitse thata ka dipampitshana le ka digoagowe maitseboa mangwe le mangwe. A re setshaba se fa mabaka a farologaneng a go tlhoka go ikwadisa mme segolo ba re go tlhopha ga go na mosola.
A re go tlhoka go ikwadisa ga batho bao go dira gore ba itlhokomolose maikarabelo a bone mo setshabeng, a go tsaya karolo mo go tlhopheng yo o etelelang lefatshe.
A re ngongora ya bangwe ya gore mapolotiki ga a ba direle sepe, ga se e e ka rarabololwang ke lekgotla la IEC.
A re se ba ka se dirang ele lekgotla ke go kgothatsa Batswana go ikwadisa gore batle ba tlhophe puso e ba e batlang.
A re tlhopho ya bone ke yone fela e ka ba buelelang.
A re lekgotla la IEC le ne la inaakanya le batsaya-karolo ba bangwe jaaka makgotla a babereki, baruti le mapolotiki go thusa go rotloetsa setshaba go ikwadisa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 11 May 2014