Breaking News

Khawa Dune Challenge e nosa banni moro

08 May 2014

Morafe wa Khawa o kopilwe go tlhokomela ditotoma tsa mmu mo motseng wa bone ka nako tsotlhe, ka seo se ka ba solegela molemo mo go o tlhabololeng.

Mafoko ao, a builwe ke kgosi ya Khawa, Kgosi Piet Monyoro mo puisanong kwa moletlong wa Khawa Dune Challenge bosheng.

Kgosi Manyoro o tlhalositse gore pele ga moletlo oo,  go ne go sena modirela puso ope yo o neng a kgatlhegela  go ya go berekela kwa Khawa ka a le kwa  thoko e bile a le kgakala le ditlamelo. O kaile fa  serodumo sa motse o mo nakong ya gompieno se le kwa godimo thata ka lebaka la ditotoma tsa mmu tse di o kgabisitseng.

O supile fa  e sale go simologa ka ngwaga wa 2011 moletlo oo o simologa, ba bone diphetogo tse dintsi mo motseng wa bone ka ba kgonnne go dira madi ka go hirisetsa bajanala le bangwe matlo a VDC  a boroko.  Kgosi Manyoro a re monongwaga ba dirile P20 000 kwa mafelong a boroko, fa ka go aba metlaagana gone  ba dirile P11 000.

Kgosi Manyoro o supile fa gape moletlo oo o thusa morafe wa Khawa le bagwebi ba bangwe ba ba tswang kwa ntle ka ba nna le sebaka sa go rekisetsa batsena moletlo dijo le tse dingwe.  A re moletlo o gape o  thusitse  go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno ka pele le ne le ikaegile fela ka diphologolo le dikgwa.

Kgosi o tladitse gape  ka go leboga puso ka mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le LIMID le a mangwe ka a  tlhaosa fa a fetotse matshelo a batho ba koo ba bontsi jwa bone e leng batlhoki. 

Mongwe wa bagwebi ba ba neng ba iteka lesego ka go rekisa dijo kwa moletlong oo Mme Mmapula Vlarmeis o tlhalositse fa a bone dipoelo tse di nametsang thata ka e bile e le la ntlha, a kaya fa ba atlegile ka lebaka la gore lefelo le metlaagana e neng e beilwe mo go lone le ne le le gaufi le bontsi jwa batho. 

Fa  a iteela mafoko a ga kgosi kobo moroko, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Khawa Rre Hans Rooi o kaile fa moletlo wa Khawa Dune Challenge o tlotlomaditse motse wa bone ka mo nakong eno motse wa bone o tshologelwa ke merafe e e farologaneng ka diteme le ngwao. 

Rre Rooi o supile fa kgaolo ya Kgalagadi e tumile thata  ka mmino wa Polka. 

A re le bone mme mo nakong ya gompieno ba setse ba simolotse go ithuta mmino ya dikgaolo tse dingwe,  selo se a reng se botlhokwa  ka se supa  tshwaragano mo lefatsheng leno.

O lebogile ba lephata la bodiragatsi le ngwao, ba Tourism Organisation  le maphata a puso a a farologaneng  ba ba dirileng go le gontsi go nna le seabe mo katlegong ya moletlo wa Khawa Dune Challenge. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KHAWA

Event : Potsolotso

Date : 08 May 2014