Matlhabaphiri o akgola Diphalana
09 May 2014
Mothusa tona mo ofising ya ga tautona, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri o akgotse mokgatlho wa Diphalana Counseling Centre wa Gathwane ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane ka bonno.
Kakgololo eo e dule fa a ne a amogela le go abela Mme Fankanyane Kgathwane le ba lelwapa la gagwe ntlo e a e agetsweng ke ba Diphalana.
Rre Matlhabaphiri a re se, ke kgatelopele mo maitlamong a setshaba a tebelopele ya 2016 a a itebagantseng le setshaba se se kutlwelobothoko, se se siameng e bile se tlhokomela batho botlhe.
O tsweletse a re ke sekao sa boeteledipele jo bo lorato mo go ba ba senang lesego mo botshelong, a tlatsa ka gore go kaya gape gore ba Diphalana ba na le mananeo a ka one ba rotloetsang puso gore e kgone go atlega mo tebelopeleng ya 2016.
O tlhalositse fa go itumedisa go bona mekgatlho e e ikemetseng ka nosi jaaka wa Diphalana e tsaya maikarabelo a go diragatsa maikano a go thusa puso go apola ba ba kobo dikhutshwane manokonoko a lehuma.
Mothusa tona a re se, se dira gore bao ba ba amogelang dimpho tsa go tshwana le e, ba akole maduo a itsholelo e e golang ya lefatshe leno mme ka letlhakore le lengwe ba tshwere tiro e kgolo ya go tsena ntlo le ntlwana ba ruta Batswana ka twantsho ya kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.
A re ka tirisanyo mmogo e e tshwanang le e, Botswana o ka fitlhelela maikaelelo a gagwe jaaka Motswana a rile kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.
O kopile setshaba go tswelela ba itlhokomela ka jaana dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa HIV di golela pele.
A re botsogo ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe ka jalo ba tswelele ka go etela dikokelo go itlhatlhoba ka nako tsotlhe.
Rre Matlhabaphiri o kopile ba lelwapa la ga Mme Kgathwane go tlhokomela ntlo eo ka jaana se se ka tiisa ba Diphalana moko go tswelela ba thusa ba ba dikobo dikhutshwane.
O rotloeditse dikompone le makgotla a a ikemetseng ka nosi mo lefatsheng leno gore le bone ba iteke ba thuse ba ba senang bonno lefatshe ka bophara jaaka ba Diphalana ba dirile.
E rile fa a tlhalosa ka moono wa tiro e, moeteledipele wa Diphalana Rre Paul Englishman a re ba ne ba gwetlhiwa maikutlo ke go bona ba lelwapa leo ba robala mo ntlong ya kamore e le nngwe ba le lesome le bone go balelwa le mmaabone.
A re ba agile ntlo eo ka boithaopo mme ba dirisitse madi a a fetang P37 000 ka ba ne ba sa duele baagi.
Rre Englishman o tlhalositse fa tiro e, e ne e se motlhofo ka ba ne ba kokoanya madi go tswa mo dikatsong tsa bone tse di sa feteng P2 000 ka kgwedi, a tlatsa ka gore e ne e re gangwe le gape ba bo ba tsaya dijo le didirisiwa tsa batsadi ba bone ntle le tetlelelo, go ya go thusa gore kago ya ntlo e tswelele jaaka ba rulagantse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : GATHWANE
Event : Kabo-ntlo
Date : 09 May 2014