Breaking News

Dikomiti di tlaa lwantsha tshenyetso setshaba

08 May 2014

Dikomiti tsa twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo kwa maphateng le mo makalaneng a puso di dirilwe ka maikaelelo a go neela makalana le maphata boikarabelo ja go itebaganya le tshenyetso setshaba ka botlalo.

Fa a bua mo thutuntshong e e tsweletseng ya malatsi mararo, mogolwane go tswa kwa lephateng la  twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholela Mme Thembie Patrick,  e bile ele leloko la komiti ya  tswantsho tshenyetso setshaba mo lephateng la ofisi ya ga tautona,  o ne a re maikaelelo a dikomiti tseo ke go tsibosa ka tshenyetso setshaba, se se e bakang le manokonoko a a amang  bodiredi le setshaba ka ka karetso.

Mme Patrick a re ba ikaelela gape go tlhabolola le go fetola maikutlo  mo bodireding  gammogo le go fokotsa tatlhegelo le tshenyo ya ditsa-puso, e e areng e diragala manokonoko a yone a ame thata itsholelo le motho ka bongwe ka bongwe.

A ba solofela go bona dikomiti tse di le teng mo makalaneng a a bopang lephata, go fologela  kwa dikgaolong gore mongwe le mongwe a tseye karolo  mo kgannyeng e ya tshenyetso setshaba.

O tsweletse a re fa dikomiti tsa makalana a puso di simolodisiwa, maloko a tsone ane a supa kgatlhego, mme ka bonya kgatlhego eo ya nyelela, a re ga a tlhaloganye gore a komiti e tlhokile thotloetso kana e ne ya adima tshwene marapo.

Mme Patrick o ne a bua gape ka dikgang tsa go rutuntsha dikomiti tsa makalana, a re lenaneo la teng le tla a romelwa kwa maphateng gore ba le ipaakanyetse le gone go tlisa bao ba ba ba tlhophileng.

Mogolwane go tswa  kwa Botswana National Achieves and Records Services kwa Francistown  Mme Lorato Motsaathebe  a re maphata a latlhelela difaele tsa puso le tsa bodiredi ntswa ele tsone di tshotseng sengwe le sengwe.

 A re gone go itlhokomolosa go baya difaele sentle go nyeletsa dilo dingwe tsa botlhokwa, a tlhalosa fa go bewa sentle ga direkote mo maphateng go le botlhokwa fela thata. Mme Motsaathebe a re go sa baya dilo ka fa tshwanelong go ka tsenya motho mo mathateng le lone lephata tota.`

Mme Motsaathebe o tsweletse a re  tshomarelo ya makwalo le difaele   ke lemao le le ntlha pedi  le le ka tlhabang  kobo le moroki, ka leka golola motho fa ale mo mathateng kana la mo tsenya ka kgolegelo. A  re fa mokwalo o beilwe sentle, motho o ka itshwarelela ka one mo dintlheng tsotlhe tsa kgang.

Fa a otlelela kgang tseo tsa tshenyetso setshaba, mogolwane wa lephata la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo Rre John Thupeng ene one a bua thata ka pipa molomo e ka nako e nngwe batho ba e dirang ba sa lemoge gore ke yone, ya go fa motho madi kwa dioteleng kana kwa matlong a bojelo gore o go thusitse sentle. A re motho yoo, o mo tirong ya gagwe e a e duelelwang, jalo  fa o dira jalo ke go mo fa  pipa molomo  

O ne gape a re gole gantsi makalana le maphata a na le ditsamaiso tsa one tse ba di ipeelang mo tirong tse di farologaneng , mme a re mo nakong e nngwe ka fa motho a itshwarang ka teng mo tirong ke ka fa  a tswang kwa lapeng ka teng, a tlhalosa gore go nna dinalanyana ga go simologe mo tirong .

Fa a latlhela la gagwe mongwe wa batsena thutuntsho eo, mookamela lephata la tsa kgatiso le kanamiso ya ditirelo tsa puso Mme Kitso Raditlhokwa o ne a re go na le tse dintsi tse di diragalang mo maphateng a bone mme ba sa dielelele tlhoko, mme a supa fa jaanong ba ya go tsenya leitlho ka jaanong ba amule botsipa ja go leba dilo ka leitlho  la baetelediepele.

Mme Raditlhokwa o ne a re go botlhokwa thata gore mongwe le mongwe a rutuntshiwe ka tshenyesto setshaba le go gopela itsholelo kwa madirelong gore ba itse fa ba dira tshenyetso setshaba le fa ba dirang sentle teng.Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : KItso Simon

Location : PALAPYE

Event : Thuto-puisanyo

Date : 08 May 2014