Banni ga ba na Omang
08 May 2014
Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estates kwa Francistown a re banni bangwe ba kgaolwana eo ga ba na dikarata tsa Omang.
Kgosi o boletse mo potsolotsong gore selo se se dira gore batho ba seka ba kgona go ikwadisetsa ditlhopho.
Kgosi o ne a kgothatsa batlhokomedi le batsadi go direla bana Omang fa dingwaga di lekane gore ba dire karata eo, ba tle ba kgone go akola mananeo otlhe a puso jaaka go tsena sekolo le ditlamelo tsa botsogo le gone go ikwadisetsa ditlhopho tota.
A re maphata a a lebaneng a puso a tshwanetse go dira dipatlisiso go bona gore ke eng fa batho ba sena Omang le go bona gore ba ka thusiwa jang gore ba nne le karata eo.
Kgosi a re dipalo tsa batho ba ba ikwadisang ga di tsamaalane le dipalo tsa batho tse di dirilweng ngwaga o o fetileng , a tlatsa ka gore fa go balwa batho go tshwanetse ga dirisiwa Omang.
A re se seka thusa gore go lemogiwe gore ke bo mang ba ba senang omang mme ba thusiwa kana ba tseelwa dikgato gore ba itse gore ke molato go nna ba se na karata ya Omang ele Batswana.
Mo go tse dingwe, kgosi o akgotse puso a re e dirile tiro e tona go bo kokelwana ya Gerald e bereka bosigo le motshegare mme a kopa morafe go dirisana sentle le baoki. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 08 May 2014