Breaking News

Bagolwane ba tlhagisiwa ka tshenyetso setshaba

08 May 2014

Morago ga go lemoga fa lefatshe leno le amega mo tshenyetsong setshaba, go ne ga tlhomiwa lekgotla le le setseng le nale dingwaga  le ntse le dira la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo.

E rile a bua mo thutuntshong ya malatsi mararo ya baokamedi ba maphata a a welang ka fa tlase ga ofisi ya ga tautona kwa Palapye bosheng , mogolwane  go tswa kwa lephateng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Rre John Thupeng  a re lephata leo le tlhamilwe go sena go bonala matlhasedi a tshenyetso setshaba mme a le bofitlha mo lefatsheng leno.

A re seo se ne sa dira gore ba leke go ka itshwaraganya le maphata a puso, gore ba ba tswe thuso kwa ba leng teng ka go nna le mhama wa botlhotlhomisi le tshenyetso setshaba mo maphateng a bone.

Rre Thupeng o tsweletse a tlhalosa gore ditirelo tsa lephata la bone di ne tsa  atologa mme tsa ngokela makalana a mangwe go thusa go le tiisa  jaaka la Botswana Institute  For Development Policy Analysis BIDPA, Botswana Confederation of Commerce Industry and Manpower BOCCIM, Attorney General, ofisi ya mmueledi, lekgotla le le bapatsang dithoto tsa puso le  lephata la khiro ya  badirela puso, ba makgotla a selekane  ga mmogo le mmadikole  ba ba neng ba dira mokwalo o tlhalosang ka botlalo ka gore tshenyetso setshabake eng e bile e bonwa jang mono gae.

Rre Thupeng  a re go sa direng dilo sentle le gone go itshwaraganya le bagolwane ka maikaelelo a go ba fa pipa-molomo motho a lebile go ka tlhatloswa maemo kana gore dilo di mo tsamaele sentle mo tirong, ke tshenyetso setshaba gammogo le tiriso maemo e eseng ka fa tshwanelong ya bagolwane, segolo thata mo go abiweng ga ikopelo ditiro tsa puso ke boradikonteraka.

O ile a re, gole gantsi lekalana la theko ya dithoto tsa puso le go abiwa ka ipapatso ya ikopelo ditiro mo maphateng ,ke gone go tshabelelwang segolo bogolo ke tshenyetso setshaba ka go diriswa madi madi.

Rre Thupeng a re, go nale dipelaelo tsa gore batho bangwe ba ba tsenang mo go abiweng ga ipapatso tseo ba rothisa mmutla madi go loma tsebe baikopedi ka ditlhwatlhwa, a re seo, se koafatsa itsholelo ka gantsi ditiro di neelwe rakonteraka a le mongwe nako tsotlhe.

O kopile boeteledipele go tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa mofuta o, go thusa go lwantsha tshenyetso setshaba .

Mongwe wa bagolwane ba lephata leo Rre Keleemetse Moloko o supile fa ele tshwanelo ya baeteledipele go itse le go lebelela tsotlhe tse di ka nnang sefatlhi mo makalaneng a bone, le go dira tsotlhe tse ba ka di kgonang go kganela tshenyesto setshaba.

O ne a re, o solofela fa boeteledipele bo ya go ba thusa go tswa ka methale e tshenyetso setshaba e ka lwantshiwang ka yone  mo makalaneng a bone. 

A re, ba tshwanetse ba bula matlho go ka lemoga tshenyetso setshaba e ise e loelele , go e kganela le gone go tlhotlhomisa fa ba belaela sengwe se se fatlhang.O tsweletse a re, ke tshwanelo ya bone go tseela bodiredi dikgato tse di maleba fa ba belaela sengwe.

 Rre Moloko a re, lephata lengwe le lengwe la puso le tlhoka komiti ya thibelo tshenyetso setshaba  e e dirang ka natla e bile e rwele boikarabelo ja go leba dilo ka leitlho  le le tseneletseng le go tlhaloganya ditsamaiso tse di teng tsa lephata, e nale lenaneo le le tsepameng le le bulegileng go dira dilo ka fa tshwanelong, segolo jang mo makalaneng a Human Resource Management, Records Management Unit, Personnel le ba Supplies.

A  re, ao ke one matshego a lekalana le itsheegileng ka one, a gole gantsi a tshabelelwang ke mhoholela wa tshenyetso setshaba.

E ne e rile gole pele fa a amogela baeng, mookamela lephata la dikitsiso Rre Russ Molosiwa, a supa fa go tlhoka kitso le thuto ele one mmaba mogolo mo tsamaisong tsa bone segolo jang mo go yone twantsho tshenyetso setshaba.

A  re, thutuntsho e, e ya go ba bula matlho go inaakanya le go tsosolosa dikomiti tsa bone gore di dire ka natla go ntsha maduo.

O supile fa mo lephateng la gagwe komiti ele teng fela e sa dira sentle mo ngwageng o o fetileng, le ntswa e ne e rile mo tshimolodisong ya yone  ya dira go tlala ka diatla, maphata  abo a tla go anya maele mo go bone.

Rre Molosiwa a re, mo ngwageng o o sa tswang go feta, ba ne ba simolotse sentle  ele ba lephata la dikitsiso mme ba nna le dikgwetlho, ka diofisi dingwe di ne di sa dira sentle, seo sa ba digela tlase. Mme  a tlhomamisa gore mono ngwaga ba ya go tsholetsa serodumo sa bone gape ka jaanong a tsere boikarabelo ja go okamela komiti eo.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : KItso Simon

Location : PALAPYE

Event : Ithutontso

Date : 08 May 2014