Banni ba lebogela dipula
08 May 2014
E rile bosheng, banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba kokoana kwa Annes Park go isa malebo kwa go ramasedi morago ga dipula tse di namagadi.
Bontsi bo ne bo tsene tiro ya letsatsi leo go akaretsa mothusa ratoropo ya Selebi Phikwe, Rre Odirile Kelebetse, dikgosi le baruti ba dikereke tse di farologaneng.
E rile a ema morafe ka lefoko, Rre Shadreck Selelo yo eleng mothusa mokwaledi wa toropo ya Selebi Phikwe a re ka tshwanelo fa motho a ne a kopile sengwe mogo yo mongwe kana mo Modimong, fa a atlegile o tshwanetse go isa malebo kwa go ene.
A re ke sone se se dirileng gore ba khansele ya Selebi Phikwe ba tshware tiro ya go lebogela ramasedi dipula tse di namagadi tse ba di boneng.
Molalediwa wa letsatsi, Kgosi Kutlwano Matenge a re, go supagetse fa banni ba toropo ya Selebi- Phikwe ba tsere nako go ipaakanyetsa letsatsi leo.
A re, mekgabisa ya dijo tsa setswana tse di tswang kwa masimo ka go farologana di supa fa lefatshe le bone letlhafula le le nametsang.
Kgosi Kutlwano a re, o leboga banni ba toropo eo ka ba bone go le botlhokwa go isa malebogo kwa go ramasedi ka le bone ba ne ba nna le sebaka sa go rapelela pula ngogola morago ga gore Tautona Lt Gen.
Seretse Khama Ian Khama a ntshe boikuelo mo setshabeng gore go rapelelwe pula ka gonne lefatshe le ne le omeletse, leruo le swa le matamo a kgadile.
Kgosi Kutlwano a re, ga go na gope kwa pula e sa nang teng, le yo eleng gore o ne a sa baya tema, e ne e le ka go rata ga gagwe, e se gore pula ga e yo.
O kopile morafe o o neng o tsene tiro eo go tlhokomela dijwalo tse ba di boneng mo temong.
O ba kgothaditse gore ba ikopanye le ba Botswana Marketing Board go rekisa thobo ya bone gore e tle e ba tswele mosola, ba kgone go tsenya bana dikole , go aga bonno jo bo eletsegang le gone go abela ba ba senang bokgoni jwa go itirela.
O kopile morafe go ya go lemolola masimo a bone, gore ere nako ya temo e e tlang, ba kgone go bona thobo e e botoka. Kgosi Kutlwano o ne a phophotha barulaganyi ba letsatsi leo legetla, a re ba dirile tiro e e eletsegang mo setshabeng.
Modulasetilo wa Village Development Committee tse di kopaneng mo Selebi-Phikwe Rre Mmopiemang Basebi, a re, fa mohama wa temo o dira sentle lefatshe le ka kgona go reka dijo mo Batswaneng gona le go di reka kwa mafatsheng a sele.
O tsweletse a re, dijo tse di lengwang mo Botswana di siametse botsogo ka di a bo di sa dirwa ka boranyane bope, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go leboga Modimo ka o arabile selelo sa bone ka go nesa dipula.
Kgosi ya Botshabelo Mme Olebogeng Mojuta o rotloeditse bomme go somarela ngwao ka nako tsotlhe. A re, motho wa mme o tshwanetse go bonwa ka mosese wa setswana fa go nale ditiro tsa Setswana.
O lebogile baruti, makhanselara, mokwaledi wa khansele Rre Shadreck Selelo, a tlhalosa fa tsela e ba e tsamaileng e ne e se motlhofo e bile a lebogela tirisano mmogo e e nnileng teng mo gare ga bone. O ba kgothaditse go tshwara ka thata le mo nakong e e tlang.
Modula setilo wa Wellness Rre Oboikanngo Kuti o rotloeditse morafe go itshidila mmele ka nako tsotlhe, go ja dijo tsa Setswana le gone go itlhatlhobela malwetse a a farologanyeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego
Date : 08 May 2014