Setlhopa se gakolola baithuti
08 May 2014
Mo go tsibogeleng dipego go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Lerala, tse direng bana ba sekole seo ba dule mo taolong, setlhopha sa Tshutshumakgala Theatre Group se itlamile go ba fa dikgakololo ka metshameko.
Ba re ba tla a tswelela ba dira metshameko e tla a rutang bana ba sekole seo ka matshwenyego a tlhorontshang sekole seo a tshwana le go ima ga banana, go iphitisa dino, go sa reetseng molao wa batsadi le mosola wa thuto.
Fa a bua kwa letsatsing la go amogana melaetsa le bana ba sekole seo bosheng mo Lerala, mongwe wa maloko a setlhopha sa Tshutshumakgala Theatre Group, Rre Molefi Lemme o boletse fa setlhopha sa gagwe se tshwenyegile fela thata jaaka bogogi jwa sekole seo le bogosi jwa motse oo, ka boitshwaro jwa bana ba sekole seo.
A re ba ne ba utlwalela dipego ka sekole seo di supa fa go setse go dule bana ba sekole seo ba le masome a mabedi fa e sale ngwaga ono o simologa.
A re dipego tseo di ne di supa fa mo baneng bao, go na le bana ba basetsana ba ferabobedi ba ba duleng mo sekoleng ka ntateng ya boimana, fa ba le lesome le bobedi ba dule mo sekoleng go sena mabaka ape.
Rre Lemme a re ba ne ba kopana, ene le maloko a setlhopha sa gagwe go akantshana ka gore ba ka gakolola bana ba sekole seo jang; mme ba buisanya ba bo ba dumelana gore ba tla nna ba ba fa dikgakololo ka go bua le bone, ba bo ba dira motshameko o amanang le tse ba buileng ka tsone.
Rre Lemme a re bontsi jwa bana ba dikole ba basetsana ba kgona go tsiediwa motlhofo ke borre ba motse kgotsa borre fela ba ba nang le boikarabelo mme bangwe ba bone ba felele ba dule mo dikoleng go sena mabaka ape kana ba ima.
A re bangwe ba felela ba tlhakanela dikobo ba ise ba tlhaloganye sepe ka tsa tlhakanelo dikobo mme ba felele ba tsenwa ke malwetsi a tlhakanelo dikobo a tshwana le jwa mogare wa HIV le AIDS.
O kopile bana ba sekole sa Lerala go ikgapha mo tlhakanelo dikobong go fitlha ba fetsa sekole le gone go tswa mo go nweng dinotagi ba sa ntse ba le bannye.
A re motshameko ke nngwe ya ditsela tse batho ba tsayang melaetsa mo go yone mme bana le tumelo ya gore bana ba sekole sa Lerala ba tla tsaya metshameko ya bone tsia ba bo ba ithuta sengwe mo go yone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego
Date : 08 May 2014