Breaking News

Boitshwaro ga bo jese kgosana diwelang

07 May 2014

Kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Selolwane kwa Tutume, Kgosi Alphonse Nsala a re ga a jesiwe diwelang ke boitshwaro jwa banana ba kgotla eo.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Nsala o supile fa bontsi jwa banana ba kgotla ya gagwe ba inaakantse le go nwa majalwa phetelela le gone go supa boitshwaro jo bo sa amogelesegeng mo setshabeng.

O kgadile a sa kgwe mathe go nwa bojalwa phetelela, ka a re bo rotloetsa ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka bogodu le dipolaano. A re banana ba tshwanetse go inaakanya le mananeo a puso a a ka ba thusang go fetola matshelo a bone le gone go nna le seabe go tokafatsa itsholelo ya lefatshe leno.

Kgosi Nsala a re puso e atlolotse letsogo ka go tsisa mananeo a a farologanyeng a tshwana le a fang banana madi go itshimololela dikgwebo le lenaneo la go boela sekolong.

A re go mo maruding a bone go bona gore tsela pedi ba tsaya efe, mme gape o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke mokgwa wa banana wa go tlhoka go tsenelela diphuthego tsa kgotla.

O supile fa banana ba tshwanetse go itse fa diphuthego tsa kgotla e le tsone tse di gorosang melaetsa ya mananeo a puso le ditlhabololo tsa motse kwa go bone.

Kgosi o tsweletse ka go supa fa go ima ga bana ba dikole go tsweletse ka go golela pele le ntswa baoki ba tsweletse ka go ruta ka bodiphatsa jwa go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

O bile a kgala batsadi ba ba ikgogelang kwa morago go itsese mapodise ka dikgang tsa tiriso ya bana makgwakgwa ba ba dingwaga tse di kwa tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo.

A re go itshupile fa bangwe batsadi mo dikgotlaneng tse di welang ka fa tlase ga kgotla ya gagwe ba rotloetsa bana go inyadisa ba gabile gore ba tla nna le dipoelo mo manyalong ao.

O ne gape a supa a sa itumedisiwe ke bangwe Batswana ba ba tsweletseng ka go nna le batswakwa ntswa ba sena teseletso ya go nna mo lefatsheng leno.

O supile fa batswakwa bao ba felela ba inaakantse le bogudu jo bo akaretsang go thujwa ga matlo, mabenkele le gone go senya kwa masimong le kwa merakeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 07 May 2014