Breaking News

Banni ba kopilwe go tsibogela dikai tsa malwetse

07 May 2014

Batswana ba kopilwe go tsibogela dikai tsa malwetse a itshupang mo mebeleng ya bone gore ba thusiwe nako e sale teng.

E rile tona wa botsogo, Dr John Seakgosing a buisa phuthego kwa Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng bosheng, a kopa banni go ragogela kwa go ba bongaka fa ba itemogela dingwe dikai tse di belaesegang mme e bile di sa tlwaelesega.

A re go botlhokwa gore fa motho a sa ikutlwe sentle a ikatumeletse kwa go ba bongaka gore a tlhatlhobiwe nako e sale teng.

Tona a re bolwetse bongwe jo bo tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ke bolwetse jwa kankere. A re kankere e mefuta mentsi mme a tlatsa ka gore borai jwa yone ke gore e go koafatsa o sa lemoge mme e tswelele ka go gola mo mmeleng wa motho.

E rile a lekodisa morafe ka kankere ya lebele, a kopa basadi le banna go ela tlhoko mabele a bone a tlatsa ka gore sekai e ka nna go tshwara lebele mme o utlwe go na le sengwe se le thata mo go lone kana tebego ya lone e sa nametse kana go nna le phetogo e e sa tlwaelesegang.

O ne gape a lekodisa morafe ka kankere ya molomo wa popelo mo go bomme, a tlhalosa fa kankere e ya molomo wa popelo e ka tshwarwa fa go itlhatlhobiwa kgapetsakgapetsa. Tona Seakgosing a re go tsibogela dikai tsa kankere e go ka thusa go tila tiego ya go bona kalafi.

A re dingwe tsa dikai tsa go supa fa kankere e simolola ga go motlhofo di itshupa, a tlatsa ka gore dingwe tsa dikai tse di ka supang mofuta wa kanke o ke go tswa metsi kana madi a sa tlwaelesegang mo bosading, go nna le setswalo nako e telele kana go tswa madi morago ga tlhakanelo dikobo.

O ne a kopa banni ba motse oo go tsibogela dikai tseo gore ba kgone go bona dithuso nako e sale teng, bogolo jang ka bolwetse jo bo ka kgona go thibelwa fa bo ka lemogiwa nako e sale teng.

Banni ba ne ba leboga tona Seakgosing ka dithuto tse di botlhokwa tsa botsogo mme ba dumelana gore ba tla tsibogela botsogo jwa bone ka kakaretso.

Mopalamente wa kgaolo ya Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole, o ne a leboga tona go menagane ka tiro e ntle e a e dirang ka go tokafatsa seemo sa botsogo mo lefatsheng la Botswana.

A re go maleba gore dithuto tsa mofuta o di goroge kwa Batswaneng gore ba seka ba nyelediwa ke malwetse mme kgang e tona e le go tlhoka thuto ka dikai tsa malwetse ka mefutafuta.

O ne a kopa Batswana go ela tlhoko gore ka nako tsotlhe ba itekodisa ba bongaka go bona dithuso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MALOTWANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 May 2014