Tshenyetso setshaba e apesa lefatshe kobo ka letshoba
07 May 2014
Lefatshe leno fela jaaka mafatshe a mangwe le apesitswe kobo ka letshoba ke seemo se se golelang pele sa tshenyetso setshaba.
Seemo se go le gantsi se bakwa ke go itlhokomolosa boikarabelo jwa boeteledipele, go fa ditaelo tse di seng ka fa tsamaisong e bile di sa dirwe ka mokwalo ke baokamedi, mme go le gantsi se se iponatsa sentle mo bodireding jwa maemo a a kwa tlase fa bo ka lemoga gore ga bo okomelwe nako le nako mo tirong ya letsatsi le letsatsi.
Se se tlhalositswe ke mogolwane mo lekalaneng la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Rre Kelennetse Moloko mo phuthegong e e tsweletseng ya go tlhatlhelela baokamela maphata a a farologanyeng go tswa kwa lephateng la Ofisi ya ga Tautona ba ba mo thuto puisanong ya malatsi a mararo mo Palapye.
Rre Moloko a re maphata a puso fela jaaka makalana a a ikemetseng le one a lebanwe ke mathata a tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, segolo jang mo makalaneng a a tshwanang a dithoto tsa puso, la khiro le ditsamaiso tsa lephata.
A re fa boeteledipele bo sa a tsenye leitlho, a ka digela lephata ka mothobodika ka a dira le theko ya dithoto, dituelo le tsa phiro tse go le gantsi o ka fitlhelang dilo di sa dirwa ka fa tshwanelong le tsamaiso e e letlelesegang.
Rre Moloko o tlhagisitse bagolwane gore fa ba ka bona nako le nako kompone e le nngwe e seke e tlhokega mo ikopelong ditiro ya dithendara tsa lephata, ba lemoge gore sengwe se teng ke go runya ga tshenyetso setshaba, mo o ka fitlhelang go na le katso ya pipa molomo mo teng.
A re ke tshwanelo ebile ke tsamaiso ya gore baokamedi ba nne malala a laotswe, go thibela tshenyetso setshaba ka go nna ba etela makalana a bone go bona se ba se dirang, a re seo se ka fokotsa tshenyetso setshaba e e ka nna teng .
Rre Moloko o ne a buwa gape ka tshenyetso setshaba ya bogotswana kana go dira dilo ka tshokamo , mme a kopa gore a maphata a ele tlhoko a bo a itshireletse mo go yone.
O ne a buwa gape ka go godisa meriti ya di resiti tsa dituelo e a reng e borai thata ka motho o kgona go itirisetsa madi a puso le ditsa puso e se kafa molaong, a dira seo ka maretshwa a a kwa godimo a a ka sekeng a lemosege fa boeteledipele bo sa tsenye leitlho.
O ne a re go nna dinalanyana mo pusong ke molato o o tshwenyang mme o ka phuthamisa itsholelo ya lefatshe, mme a re a bookamedi bo tsenye marapo dinameng bo itse ka botlalo bodiredi go lwantsha tshenyetso setshaba.
A re fa o bona modiredi a tshela go feta ka fa a amogelang ka teng o tshwanetse wa tshwenyega gore o tsaya kae madi, o tlaa fitlhela gore sengwenyana se teng se a se dirang, gongwe a rekisa ditirelo tse di ka bong di neelwa setshaba mahala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Thuto-seka-dipuisano
Date : 07 May 2014