Ipelegeng e dira sentle
07 May 2014
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Nyorosi Botlhaba, Mme Gaontebale Lenong a re lenaneo la Ipelegeng mo kgaolong ya gagwe le dira ka natla ka ba setse ba feditse tiro e ba neng ba e filwe ka ngwaga wa 2013.
O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile bosheng.
Fa a tlhalosetsa phuthego ka ditiro tse babereki ba Ipelegeng ba di feditseng , Mme Lenong o boletse gore kgaolo ya gagwe e ne e filwe tiro ya go baakanya bodilo jwa matlo a borutelo a le mararo mo sekolong se se botlana sa Maranyane le go aga ntlo ya badisa-dikago e le nngwe fela kwa sekolong se sebotlana sa Makaba.
Mme Lenong a re badiri ba Ipelegeng ba Nyorosi Botlhaba ba dira ka botswa pelo, e bile gape ba tsena ka nako e e beilweng, a tlatsa ka gore ga ba patelediwe go bereka.
O tlhalositse gore monongwaga ba filwe tiro ya go baakanya bodilo jwa matlo a mabedi kwa sekolong se se botlana sa Maranyane le go aga leobo la kgotla ya Kgwatlheng. Modulasetilo a re ga ba ise ba simolole tiro ka gore didirisiwa ga ise di tle.
Mme Lenong a re, tirisanyo mmogo ke yone fela e tlisang maduo a a kgatlhisang mo tirong. O solofeditse fa tiro e ba e filweng mo nakong eno, e tla fela nako e sale teng ka babereki ka ene ba dira ba sa kgorolwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 May 2014