Breaking News

Ba kopilwe go dirisa mananeo go itlhabolola

06 May 2014

Mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele o kgothaditse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo go diragatsa mogopolo o a neng a o kopisa kwa lefatsheng la Japan wa One Village One project, go simolola dikgwebo tse ba ka tswakanyang itsholelo ka tsone.

O boletse mo phuthegong e a neng a e kopanetse le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo go tsweng  mo metseng ya kgaolo ya gagwe e e neng e tshwaretswe mo dikgaong tsa lekgotlana la kabo-ditsha bosheng, gore fa ba ka diragatsa mogopolo wa gagwe ka go simolola dikgwebo di tshwana le thuo ya dikgomo tsa mashi, ya dihutshane, ya dikolobe,ya dikoko tsa mae le nama gammogo le temo ya merogo le maungo, ba ka kgona go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno e ntseng e itsetsepetse ka ditswa-mmung di tshwana  le diteemane.

Mopalamente o kopile ba tsena phuthego eo go nna le kgatlhego mo go tsosoloseng makgotla a dikoporase le go diragatsa lenaneo le lesha la mmuso la go adima batho ba ba ikopantseng madi a go aga matlo a ka hirisediwang badirela-puso mo metseng ya magae, ele tsela nngwe ya go direla dikomiti tsa ditlhabololo mo dikgaolong madi a go tsamaisa ditiro tsa metse.

Rre Makgalemele o tlanyatlanyeditse batsena phuthego eo ka kokeletso dituelo tsa babereki ba lenaneo la Ipelegeng le dikatso tsa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ka dipula dile masome a mararo.

O tsweletse a lebogela ditiro tse di dirilweng mo metseng ya kgaolo ya gagwe ka lenaneo la Ipelegeng, mme a bolela fa a ka leboga go menagane fa ba ka dira ditiro dingwe ka boithaopo.

Fa ba akgela baemedi ba dikomiti tsa ditlhabololo ba iteetse legofi mananeo a mmuso jaaka a nyeletso lehuma, la Ipelegeng le la LIMID. Ba re, le fa puso e tshwere ka thata go lwantsha lehuma, sebe sa phiri ke batho ba ba inaakantseng le go utswela ba bangwe diruiwa ka maikaelelo a go di rekisetsa beng ba dibuchara ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

Balemi ba merogo bone, ba supile fa ba nale kgwetlho ya tlhaelo ya metsi e e  ba kgoreletsang go lema merogo mo digotlong. Mabapi le ditiro tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng mo metseng ya bone, ba tlhalositse fa ba dirisitse lenaneo leo go tokafatsa seemo sa matlo a badirelapuso, go aga matlwana a boitiketso kwa mabitleng le mo dikokelwaneng, go agela badisa dikago matlo mo dikoleng tse dipotlana, go tsosolosa diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso, go agelela  matamo le go gokela matlo mangwe a boroko motlakase.

Batsena phuthego eo ba rile, ere ntswa ba bona madi ka matlo a ba a hirisitseng, sebe sa phiri ke badirelapuso bangwe ba ba ganang go duela madi a boroko le mororo ele one a dikomiti tseo di beileng mo go one go tsweledisa ditlhabololo.

Kwa Mosolotshane le Tobela ba tlhalositse fa ba dumelane le mogopolo wa go aga dikoporase, mme ba bolela fa ba santse ba emetse ba lekgotlana la kabo ditsha go ba abela lefatshe e bile ba bolela fa ba tsweletse le go aga diposo mo metseng ya bone.  

Kwa metseng mengwe jaaka Poloka, Mokgenene,Otse, Kodibeleng, Ikongwe le Moralane ba ngongoregile ka go tlhoka go gokelwa ga motlakase mo matlwaneng mangwe a borutelo le mo dikokelwaneng, mo ba reng go kgoreletsa baoki le barutabana go dira tiro ya bone ka tshosologo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego

Date : 06 May 2014