Breaking News

Mogwera o ineetse mo temong

06 May 2014

Pele fa a tsenelela kwa teng mo go itshetseng ka temo, Rre Ookeditse Mogwera wa kgotla ya Thagana kwa Maunatlala mo kgaolong ya Tswapong Bokone, o ne a sena lesedi le lentsi la temo.

E rile a tlhalosa mo potsolotsong bosheng, Rre Mogwera yo e leng molemi wa masimo a Sesarweng go bapa le Maunatlala, a re, o nale dingwaga di le mokawana a ntse a lema mme o  simolotse a gasa.

A re ga go a mo tsaya dingwaga dipe fela a bo a fetogela go gasa a tsena mo temong e e tlhabologileng. O tsweletse a re o nnile le kgatlhego ya go lema ka batsadi ba gagwe le bone e ne e le balemi ba batona, mme bone ba lemela go jela mo ganong fela.

A re o kgatlhegetse temo mo a neng a simolola ka go reka polantere pele ga a ka reka terekere. Rre Mogwera o tsweletse a re, fa a sena go reka polantere, o ne a tswelela a reka diterekere di le pedi.  A re mo nakong eo, ke fa a tsenelela tota mo temong.

A re,e ne ya re morago a reka didirisiwa tse dingwe tsa temo di akaretsa  mogoma, motshine o o gasang menontshane, o o tlhagolang le metshini e e robang. Rre Mogwera o boletse fa a lema mmidi, lablab le dinawa  go dira dijo tsa dikgomo ka a nale dikgomo tse dintsi mme di tlhokana le dijo tse di siameng.

A re, dijo tse dingwe tsa dikgomo o a di rekisa mme a boelwe fela thata.  A re, gore tiro ya gagwe ya go dira dijo tsa dikgomo e nne motlhofo, o ne a reka motshine o mongwe o o baakanyang lablab go ya ka mephuthelwana le o o silang dijo tsa dikgomo tse dingwe.

Rre Mogwera o tsweletse a re, didirisiwa tsotlhe  tsa temo o ne a di reka ka thotloetso ya molemisi ka a ne a lemoga fa a nale kgatlhego mo go lemeng.  “Fa e ne e se ka thuto e ntsi e ke e filweng ke molemisi wa Maunatlala ke kabo ke se fa ke leng teng mo nakong eno”, ga bua jalo Rre Mogwera.

O boletse fa kgatlhego ya gagwe e le ntsi mo temong ka a tsweletse ka go adima ditshimo tsa ba ba sa lemeng mme a di agelela abo a di rema gore a di leme.

A re, mo nakong eno, o lemile diekere di le masome a ferabobedi mo ditshimong di le nne. A re, fa a sena go roba, go tswa fela mo go ene gore o batla go fepa leruo la gagwe ka eng.

O tlhalositse fa mo dinakong tse dingwe a tshwanelwa ke go fepa dikgomo tsa gagwe go di nontsha mme fa gongwe go tlhokana le gore a di fe dijo tsa tsone tsa letsatsi le letsatsi.

O tlhalositse fa dijo tsa dikgomo tse a di lemang di mo tlhofofaletsa tiro ka gonne fa a ne a sa di leme o kabo a di reka. Rre Mogwera, yo o dingwaga di masome a matlhano le bosupa, o boletse fa go sena sepe se se salang fa a sena go roba dijwalo tsa gagwe.

“Fa ke sena go roba mmidi, ke bo ke dira dijo tsa dikgomo, ke dirisa letlhaka la one go dira dijo tse dingwe”. A re, o tlhabolola temo ya gagwe ka go ithuta mo baleming ba bangwe ba ba lemang ba tlhoafetse bogolo jang ba mafatshe a a mabapi jaaka Aferika Borwa.

O tsweletse a re, fa go nale bokopano jwa balemi kwa Aferika Borwa o etela teng go ithuta mo go ba bangwe mme a felele gape a etela ditshimo tsa bone go bona ka fa ba dirang ka teng.

Rre Mogwera a re, didirisiwa tsa temo tse a nang le tsone jaaka motshine o o robang le o o kgobokanyang lablab fa e sena go kgaolwa, o simolotse go e bona la ntlha kwa Aferika Borwa mme a kgona go e reka kwa Brazil.

A re, ntswa go lema go nale dikgwetlho jaaka diphetogo tsa loapi le diji, o tsweletse fela ka go dira go bo go siama. Rre Mogwera a re, o thusa balemi ba ditshimo tse di bapileng le ya gagwe ka a batla ba nna mo seemong se a leng mo go sone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Potsolotso

Date : 06 May 2014