Ba itumelela phetogo ya maduo
06 May 2014
Mogokgo wa sekolo se se botlana sa Moiyabana a re maduo a bana ba sekolo sa gagwe a tokafetse fela thata.
Mme Caroline Tsopane o boletse se mo phuthegong ya dikomiti tsa tlhabololo magae e e neng e rulagantswe ke mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi bosheng.
O tlhalositse fa maduo a fetogile go tswa mo go masome a matlhano mo lekgolong go ya kwa go masome a supa le boraro mo lekgolong, a tlhalosa fa se se dirilwe ke tirisano mmogo fa gare ga boeteledipele jwa motse, batsadi ba bana le barutabana.
Mme Tsopane a re o ithaopetse go ruta bana ba lekwalo la bosupa maphakela, nako ele masome a mararo morago ga nako ya borataro go fitlhela ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bosupa le maitseboa ka nako ya boraro go fitlha ya botlhano.
A re le ka Matlhatso o a ba tlhathelela, e le ntlha ya go ba thusa fa ba sa kgoneng teng. E rile fa a lekodisa mopalamente ka fa bana ba lekwalo la ntlha ba dirang ka teng, a tlhalosa fa ba dira bontle fela thata.
Dr Venson-Moitoi o ne a re o itumeletse go utlwa seo mme a gatelela ka gore bana ba santse ba tsile go dira botoka le go feta fa. O tlhalositse fa go simolodisiwa ga go ruta bana ba ba ipaakanyetsang lekwalo lwa ntlha fa ba lokwalo la bosupa ba sena go tswala, gole molemo thata ka fa ngwana a setse a simolola lokwalo lwa ntlha o a bo a bulegile tlhaloganyo.
E rile a tlaleletsa, mogolwane wa tsa thuto mo Serowe Borwa,Rre Michael Badisa a bolela fa sekolo se ne se goga ka bokete mme e rile ngwagatlola ka Moranang, Mme Tsopane a sena go tla ba nna fa fatshe go bona gore ba ka dira jang.
A re, ba ne ba tswakanya barutabana ka go ntsha ba ba neng ba ntse lobaka ba ruta mo Moiyabana, mme ba tlisa ba ba sha. Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Mothamo, Rre Thatayaone Kefilwe le ene o ne a tlhalosa fa botsadi jwa motse bo eme ka dinao kwa sekolong ka ba bua le bana mo ba feletsang ba tsaya dikgakololo tsa bone ka tlhoafalo.
Fa a ntsha malebo Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana o boletse fa ba tshwenngwa ke borukutlhi, a tlhalosa fa motse o tsogetswe ke digongwana tsa bana ba ba senyang.
A re, batsadi ba nale thotloetso mo borukutlhing ka gore ga ba nke ba tsaya dikgato tse di lebaneng fa ba bona bana ba tla ka dilwana kwa lwapeng ka ga ba ba botse gore ba di tsaya kae. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Otshidile Kebalemoge
Location : MOIYABANA
Event : Phuthego
Date : 06 May 2014