Ba Mogonye ba lela ka metsi le ditsela
06 May 2014
Banni ba Mogonye mo kgaolong ya Borwa ba ngongoregile ka seemo sa metsi, ditsela ga mmogo le motlakase mo motseng wa bone.
Banni ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Moshupa e bile e le motshwarelela tona wa thuto le tlhabolololo dikitso, Rre Mokgweetsi Masisi bosheng. Mme Gaolatlhe Binang a re ba sokola thata ka metsi ka ba gelela mo dipompong tse di nosang morafe.
Mme Binang a re le tsone dipompo tse ba gelelang mo go tsone tseo, ga di mo seemong se se nametsang e bile ga di phepha. A re ba sale ba kopile go gokelelwa metsi mo malwapeng a bone mme le mo nakong eno kopo ya bone ga e ise e atlege.
Monni yo mongwe, Rre Keorapetse Balesamang a re o teilwe gotwe ditsela tse di ralalang motse di tla baakanngwa mme fa go tshelwa karabole, dikoloi tse di e tshelang ga di felele kwa ditsheng tse di kgakala tse bone ba nnang kwa go tsone.
Fa a araba matshwenyego a bone, Rre Masisi o ba boleletse gore go atolosiwa ga metsi le motlakase go emetse madi mme o ba solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo seemo seo se tla tokafala.
Tona Masisi o ne a rolola banni ba Mogonye ka tsa palamente e e sa tswang go wela, a ba lekodisa ka molao wa mesepele ya batho ba ba yang mafatsheng a mangwe
Tona o ba boleletse gore molao oo, o fetotswe gore tona ya pereko le selegae ke ene a beye monwana gore fa motho a le botlhabetsi mo lefatsheng la rona, tona ke ene a feleletsang taolo ya gore motho a re tswele ka kgoro.
Tona o tsweletse a ba rolela gore molao wa banyalani o tlhofofaditswe gore banyalani ke bone ba ikatlhole ka bo bone gore a ba tlhakanela dithoto kana jang.
O tsweletse a ba lekodisa gore le molao wa dikago tse di dirwang mo metseng, go tshwanetse ga bo go dirilwe setshwantsho sa ntlo e e tshwantshitsweng ke moitsaanape wa dikago.
Tona a re, seo se direlwa gore go seka ga nna le dikotsi tse dintsi e bile ke tsela ya go babalela itshireletso ya setshaba. Monana yo o neng a tseneletse phuthego eo Rre Laone Bose ene a re, banana ba motse oo ga ba na lebala la metshameko mme bone ba nale dikeletso tsa go tsaya karolo mo metsahamekong yotlhe fela ka bophara jwa yone.
Rre Bose o tsweletse a re, o eletsa gore ba direlwe kwa ba ka itlosang bodutu teng e bile a ngongorega gore lefatshe la Mmamotshwane Trust le le tona thata mme ga le sa elwe tlhoko, le tlile go itsa motse wa Mogonye go gola le tsone ditlhabololo go goroga sentle.
Mokhanselara wa Manyana/Mogonye, Rre Peter Sithebe, a re o tshwenngwa ke gore motse wa Mogonye o bapile thata le toropo mme motlakase kwa sekolong se se botlana sa Mogonye ga o ise o tsenngwe ntswa kompone ya motlakase e duetswe.
Ga a wetsa tona Rre Masisi o gakolotse banni ba Mogonye gore mapolotiki ke bone fela ba nang le tshwanelo ya go bua polotiki ba le nosi mme a ba gakololwa gore ba seka ba polotika mo setshabeng ka go se ka fa molaong, mme motho yo o ka tshwarwang a dirwa jalo o ka tseela dikgato tse di maleba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOGONYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2014