Breaking News

Dipompo le diphaephe di a dutla

06 May 2014

Banni ba kgotla ya Mongala kwa Kanye ba ngongorega ka go dutla ga diphaephe le dipompo le mororo ba begela ba koporase ya metsi ya Water Utilities mme go se nko e e tswang lemina go di baakanya.

Banni ba buile jalo bosheng mo phuthegong e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, yo o neng a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng.

Ba boletse fa mo mekgwatheng e mentsi mo Kanye, metsi a tshologa  ka lebaka mme ba koporase ya metsi ba sa tsibogele seemo se. Ba supile fa metsi a tlhaela fela thata mo Kanye mo bangwe ba kgonang go tsaya kgwedi tse pedi ba sa tlhape le go nwa, fa matlwana a boitiketso a a dirisang metsi gone go le maswe fela thata.

Banni ba boletse fa ditlhwatlhwa tsa metsi di tsitsibanya mmele ntswa ba sa nwe metsi sentle. Ba tlhalositse fa ditshingwana tsa merogo tsa nyeletso lehuma mo digotlong di sule e bile ditlamelo dingwe tsa tsone di ise di bo di tle.

Ba re, badirela-puso ga ba ke ba ba etela  go ba tlhalosetsa ka mananeo a puso le go tla go tsaya dingongora tse ba kopanang le tsone mo Ipelegeng le baithaopi ba sepodise.

Le fa gontse jalo, modulasetilo wa VDC Mme Olebile Keoitsi, o boletse fa ba tsweletse le ditiro tsa Ipelegeng mme sebe sa phiri ele gore banni ba motse ga ba na seabe mo go phefatsang metse ya bone le masaka a leruo mo motseng.

Mme Keoitsi o boletse fa ba kgobiwa ke batho ba motse gore ke bone ba kanokang batlhoki le ba ba tshwanetseng  lenaneo la nyeletso lehuma, mme a bolela fa tiro eo e dirwa ke bommaboipelego eseng bone.  

Le fa gontse jalo, mopalamente Kesupile o boletse fa go santse  go nale mathata a tlhaelo ya metsi le motlakase.

A re, go gogiwa ga metsi go tswa bokone ja lefatshe go tsweletse, mme a bolela fa ba metsi ba ngongorega ka gore batho ba  nosa leruo mo metsing a setshaba e bile ba bangwe ba utswela ba bangwe metsi , selo se se dirang gore ditlhwatlhwa di  ye kwa godimo.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 May 2014