Seemo se tla a tokafala - Seakgosing
06 May 2014
Tona wa Botsogo, Dr John Seakgosing a re selelo sa tlhaelo ya dikoloi le baoki se tla a tokafala mo nakong e e sa fediseng pelo.
E rile a araba dilelo tsa merafe mo diphuthegong tsa kgotla kwa Dikgonnye le Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng, Tona Seakgosing a re e re ka jaana puso e tsere tshwetso ya gore maphata a ipaakanyetse dikoloi kwa madirelong a a ikemetseng ka nosi, tlhaelo e tla kgona go arabiwa.
A re mo nakong e e fetileng dikoloi tsa lephata la gagwe di ne di diega go baakanngwa kwa Central Transport Organisation (CTO), kwa go baakanngwang dikoloi tsa puso teng, mme seo se ne se baka tlhaelo ya dikoloi mo metseng e e farologaneng.
Tona Seakgosing a re dilo di tsile go fetoga ka jaanong ba tla bo ba ipaakanyetsa dikoloi tsa bone mme seo se tla fetola madiadia a go baakanya dikoloi jaaka gone go diragala pele.
O tsweletse a re Batswana ba tshwanetse ba tlhaloganya gore, ga se gore o nyatsa tiro e ba CTO ba neng ba e dira, mme go ne go nna le mosuke wa dikoloi ka jalo seo se ne se baka tiego ya go di baakanya ka nako gore Batswana ba bone dithuso ka bonako.
Dr Seakgosing o tladitse ka gore e re ka jaanong maphata a tla ikisetsa dikoloi kwa di baakanngwang teng, seemo se tla nna botoka fela thata.
Mo kgannyeng e nngwe, banni ba ne ba lela ka gore baoki ba a tlhaela mo dikokelong mme seo se baka tiego ya go bona ba bongaka ka bonako bogolo jang fa o fitlhela mooki a le mongwe mo kokelong.
Ba re baoki ba dira tiro ya bone sentle, sebe sa phiri ke gore fa a tsaya malatsi kana a sa tsoga, balwetse ba a sokola mme seo se ka baka mathata a botsogo mo nakong e a seyong.
Mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dikgonnye Rre Kgotso Motlhabane, o supile gore mooki fa a seyo batho ba a sokola mme seo se ba jesetsa mo kgobedung.
Ba kopile tona go oketsa baoki mo dikokelong tsa bone gore tlhaelo e tle e kgone go arabiwa mme balwetsi ba bone dithuso. Tona Seakgosing o ba arabile ka gore lephata la gagwe le lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya baoki, mme o dumela gore seemo se se tla tokafala ka jaana baoki ba tla nna ba fetsa kwa sekolong mme ba isiwe kwa go nang le botlhoki teng.
A re, nngwe ya dilo tse di dirang gore go nne le tlhaelo, ke baoki ba e reng morago ga go aloga ba ye kwa mafatsheng a sele go batla mafulo a matalana.
O tsweletse a re, se ka bo sone se oketsa tlhaelo ya baoki mme tsholofelo ke gore e tla a re baoki ba aloga, ba thuse go thiba tlhaelo e. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MALOTWANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2014