Breaking News

Sekole sa Kalamare se tlaa agelwa matlo

06 May 2014

Mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele, o boletse mo phuthegong e a neng a e kopanetse le dikgosi tsa kgaolo eo, fa mmuso o dumelane le mogopolo wa go agela baithuti ba sekole se segolwane sa Kalamare matlo a boroko.

Rre Makgalemele a re le ntswa dikago tseo di ne di seyo mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bolesome (NDP10), puso e ne ya tsaya tshwetso eo e lebile bothata jo bana  ba ba  tswang kwa metseng ya Mmutlane le Bonwapitse ba ba tsenang mo sekoleng seo,ba lebaneng  le jone jaaka letlhoko la boroko.

A re, ka ntlha ya letlhoko la boroko baithuti ba ba tsenang mo sekoleng seo ba ba tswang Mmutlane le Bonwapitse ba ne ba fudusediwa kwa dikoleng tsa Mookane Junior Secondary, Ramokgonami le Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong Borwa le Tswapong Bokone, mo a reng go kgoreletsa batsadi go tlhola bana ba bone ntateng ya bokgakala.

Mopalamente o tlhalositse fa dingwe tsa ditiro tse di tlaa dirwang mo kgaolong ya gagwe e le tsela e e tshwaraganyang metse ya Shoshong le Mmutlane, e e neng ya kopiwa ke banni ba motse wa Mmutlane mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama ngwagatlola.

E rile Kgosi Boithamako Keipone wa Otse, Kgosi Kgotlayame Mphoyakgosi wa Tobela le Kgosi Gaogane Loomatsoga ba akgela mo phuthegong eo, ba lebogela ditlhabololo tseo.

Dikgosi di ne tsa kopa puso go tshela sekontere  tsela e e tshwaraganyang metse ya Dibete, Poloka, Mokgenene le Otse,  le e e tshwaraganyang metse ya Kodibeleng, Moralane le Mosolotshane gammogo le tsela e e tshwaraganyang metse ya Kalamare, Mmutlane, Bonwapitse le Tobela.

Ba tsweletse  ba kopa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go neela dikgosi seriti se se ba lebaneng jaaka go ba tlhatlhelela dikitso gore ba kgone go itepatepanya le tiro ya bone ka jaana e batla batho ba ba nang le kitso ya molao.

Ba re, go tlhaela kitso ga magosi mangwe ke gone mo gantsi e ya reng ba atlholetse basekisiwa kgolegelo, balaodi ba e leng bone ba sekasekang dikgang tsa makgotla a Setswana ba golole basekisiwa ba go nna jalo.

Ba re, e le dikgosi ba tseelwa kwa tlase ka jaana fa ba laleditswe diphuthego tsa ga Tautona kana matona a puso kwa Shoshong, ba sukaganngwa mo dikoloing ntswa gotwe ke baeteledipele ba setshaba.

Mabapi le dikgang tse di amanang le go lwela bogosi , ba dule ka mogopolo wa gore di  neelwe maloko a ntlo ya dikgosi go di rarabolola pele ga di ka fetisediwa kwa go tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Lephojane

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego ya mopalamente le magosi

Date : 06 May 2014