Ipelegeng e kgoreletsa temo - dikgosi
06 May 2014
Magosi a kgaolo ya Shoshong a re, le fa a itumelela lenaneo la ISPAAD, a tshwenngwa ke gore puso jaanong e phutlhamisa maduo a lenaneo leo ka go thapa batho mo Ipelegeng ka dinako tsa temo.
Ba boletse seo mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Phillip Makgalemele. Ba re lefa Batswana bangwe ba itshetsa ka go bereka mo Ipelegeng, puso e tshwanetse go emisa lenaneo leo ka dipaka tsa temo gore batho ba kgone go ya go bereka kwa masimong.
Ba re, e re le ntswa puso e lela ka tlhaelo ya madi le go phutlhama ga itsholelo, ba gakgamadiwa ke go bona e tsweletse ka go thapa batho mo Ipelegeng ka nako ya temo ntswa batho bao e le bone ba tshwanetseng go bereka mo masimong ka jaana temo e le yone e ka inolang Batswana mo lehumeng ka go ntsha dijo tse di lekaneng.
Ba boleletse mopalamente gore batho bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la ISPAAD jaanong ba phuagantse masimo go ya go bereka mo Ipelegeng le mororo puso e dirisitse madi a setshaba go ba lemela.
Mo dikgannyeng tse dingwe, ba kgadile koporase ya metsi ya Water Utilities, e ba reng fa e sale e neelwa boikarabelo jwa go siela metse ya magae le ditoropo metsi, jaanong setshaba se simolotse go tshelela mo kgobedung ntateng ya letlhoko la metsi.
Kgosi Kgotlayame Mphoyakgosi, o boletse fa banni ba motse wa Tobela le ba dikgotlana dingwe mo Shoshong jaanong ba simolotse go dirisa metsi a didiba tse di neng di tswetswe ka taelo ya ba lephata la botsogo ntateng ya go kgotlelesega ga metsi a didiba tseo.
Kgosi Mphoyakgosi o rile go nwa metsi a a kgotlelesegileng go baya matshelo a batho mo diphatseng, mme a supa fa seemo se ka nna botoka fa koporase ya Water Utilities e ka gokela didiba tsa Makale, Palamaokue le Samaka go nosa batho ba Shoshong ba mo nakong eno ba sielwang metsi go tswa kwa Mahalapye.
E rile Rre Makgalemele a tsibogela dingongorego tsa bone, a tlhalosa fa lephata la meepo, kgotetso le metsi le abetswe seabe se segolwane mo ngwageng wa kgaoganyo madi a setshaba wa 2014/15 gore ba kgone go atolosa lekadiba la peelo ya metsi kwa Mahalapye le go tokafatsa seemo sa kanamiso ya metsi kwa metseng ya Shoshong, Mmutlane, Bonwapitse le Kalamare.
Mabapi le lenaneo la ISPAAD, o boletse fa a tlaa lekodisa tona wa lephata leo Rre Christaan De Graaf le mothusi wa gagwe Rre Oreeditse Molebatsi, go bona ka fa seemo se ka tokafadiwang ka teng gore lenaneo la Ipelegeng le seka la gotlhagotlhana le dipaka tsa temo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2014