Breaking News

Mopalamente o akgola baithaopi

06 May 2014

Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile o akgoletse baithaopi ba sepodisi go ba ba thusitse gore borukutlhi bo wele kwa tlase.

O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Tsopye bosheng. Mopalamente o tlhaloseditse batsena phuthego gore ka  2011 matlo a a neng a thubiwa ga bo ga utswiwa mo go one a ne a le 90, ka 2012 a golela kwa go 104 mme ka 2013 ya nna 65. 

Dipalo tsa mabenkele a a thubilweng  tsone di eme jaana; 2011 e ne e le 56, 2012 tsa golela kwa go  95 fa ka 2013 tsa fokotsega go nna  44. O tlhalositse gore dipalo tse, di supa kwelo-tlase thata mo borukutlhing,  e bile go supa fa tsa monongwaga  di tlaa wela tlase le go feta.

Rre Kesupile o tladitse gape ka  gore ba ba neng ba leka go thukhutha batho bone, dipalo tsa teng di eme jaana; ka  2011, go ikuetse batho ba le 17 fela, 2012 ba nna 19 fa ka 2013 gone dipalo di wetse tlase mme go ikuetse ba le 8 fela. Rre Kesupile a re, “Ke akgola baithaopi ba sepodise go menagane ka se se supa gore seabe sa bone se supa pharologanyo.” 

Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa batho ba dikgwebo tse di mo ditseleng ba tlhaselwa ke magodu ka ditlhobolo. O boletse fa tona wa itshireletso le thokgamo  Rre Ramadeluka Seretse a rile o tlaa oketsa didirisiwa tsa mapodise.

Rre Kesupile o tlhalositse gape gore Rre Seretse a re, mong wa kgwebo le ene  o tshwanetse go nna le thulaganyo ya go iphemela.  O tsweletse a re, beng ba dikgwebo ba ka tlhola ba sepodise go ba fa maele a go iphemela fa ba tlhasetswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 May 2014