Breaking News

Ba rotloediwa go tsaya lenaneo ka tlhwaafalo

05 May 2014

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lerala Rre Shadrack Jani o ikuetse mo setshabeng go tsaya ka tlhwaafalo lenaneo le puso e le ntshitseng la go rotloetsa maduo mo dikoleng.

Fa a bua kwa letsatsing la go abela bana ba ba gaisitseng ba bangwe ba lekwalo la botlhano dimpho kwa sekoleng sa gagwe bosheng, Rre Jani o boletse fa lenaneo la go rotloetsa dikole le le botlhokwa ka le tsholetsa maduo. Dimpho tseo di ne di tswa kwa go ba lelwapa la mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Tswapong bokone Rre Oageng Modikwa.

Rre Jani a re, maduo a dikole tsa Lerala a ile kwa tlase, ka jalo a tlhokana le thotloetso go tswa mo bana-le-seabe  ba ba farologaneng le boradikgwebo ba thusanya le barutabana.

A re, thotloetso ya maduo mo dikoleng ga e tlhokane le gore motho a bo a nale madi mme e tlhokana le go tshwaraganela maduo a bana le barutabana.

Rre Jani a re, go bo ba lelwapa la ga Rre Modikwa ba bone go tshwanelwa gore ba tsee mophato wa botlhano  mo sekoleng sa gagwe, ke sesupo sa gore ntswa ba sena bana ba ba tsenang  mo sekoleng sa gagwe, ba tsibogetse boikuelo jwa puso e bile ba kgathala ka thuto ya lefatshe leno.

O ikuetse mo go ba ba nang le bokgoni go tsibogela ikuelo ya puso ya go rotloetsa thuto.

Fa a abela bana dimpho Rre Modikwa o boletse fa e ne le ba lelwapa la gagwe ba ne ba utlwa ikuelo go tswa mo sekoleng seo mme ba buisanya gore ba ka se ema nokeng jang.

A re, mo go buisaneng ga bone, ba ne ba iphitlhela ba sena bokgoni jwa go tsaya sekole sotlhe mme ba dumalana go tsaya mophato wa botlhano o ba tla a o rotloetsang ka go fa ba ba gaisitseng ba bangwe dimpho kgwedi le kgwedi go fitlha ba fetsa lekwalo la bosupa.

A re, fa mophato oo o ntse o tsweletse go ya go dira mophato wa bosupa, ba tla a tswelela ba ntse ba o rotloetsa ba tsweletse gape ba thusa le mophato wa botlhano. O  ikuetse mo morafeng go tsibogela ikuelo ya puso ya go rotloetsa thuto ka ke gone fela mo go ka isang thuto ya lefatshe leno kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Letsatsi la kabo-dimpho

Date : 05 May 2014