Breaking News

Komiti ya ditlhabololo kwa Mogonye e dira sentle

05 May 2014

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mogonye mo kgaolong ya Borwa o sa tswa go ntsha pego e supang gore komiti ya bone e tsweletse jang ka ditlhabololo tsa motse wa bone.

Fa a ntsha pego eo, Mme Banka Gwai a re kwa kgotleng ya Mogonye ba sepodise ba bereka ka natla e bile ga gona boitseme bope. Fa a tswelela, a re Ipelegeng e mo tirong ya paakanyo ya leobo la kgotla mme ba sa ntse ba eme, ka bothata e le gone gore ga gona madi.

Mme Gwai a re komiti e sa ntse e tshwaragane le namane e tona ya go dira ditsela tse di tsamaelang kwa ditsheng tse disa, mme le fa go ntse jalo, a ngongorega, a supa fa go le lebaka ba emetse mmepe oo go tswa kwa lephateng la kabo disha, o o supang gore ditsha tsa batho di tsamaya fa kae, gore fa ba rema dikgwa ba seka ba dira diphoso, ba rema ditsha tsa batho.

Fa a tswelela, Mme Gwai o supile fa lebogela bodiredi jwa Tirelo Setshaba. A re sekole se sebotlana sa Mogonye ga sena motlakase ga mmogo le kokelwana ntswa motlakase ole teng mo motseng, a re matlo a barutabana le a baoki le one ga ana motlakase.

Mme Gwai a re matlwana a borutelo a tlhaela ka a marataro ntswa a tshwanetse go nna supa ka fa molaong mme selo seo se dira mosuke. O boletse fa matlwana a boitiketso le one a tlhaela mo sekoleng seo. Mme Gwai o ngongoregile gape ka go bo sekole seo se sena motlobo wa dibuka, a tlhalosa fa seo se na le seabe se sentsi mo maduong a sa jeseng di welang a sekole seo.

A re kokelwana ya Mogonye ga ena motlakase le koloi e bile kokelwana eo e a nela ka nako ya dipula. Mme Gwai a re gona le batho ba ba thapetsweng go sela matlakala mme go tsaya lebaka go duela. Fa a wetsa, a gakolola batsadi go ya diphuthegong tsa batsadi le barutabana fa di biditswe kwa sekoleng.

Fa akgela mo pegong eo, mopalamente wa Moshupa, e bile ele motshwarelela tona ya thuto le tlhabololo dikitso, Rre Mokgweetsi Masisi, a re go maleba gore leobo la kgotla le tokafadiwe ka le botlhokwa thata. Tona Masisi a re o itumelela gore sepodise se dira ka natla go sireletsa banni ba Mogonye. O ne a akgola le babereki ba Ipelegeng a kaya fa le bone ba dira ka natla go tlhabolola motse wa bone.

A re seemo sa gore ga gona motlakase kwa sekoleng se sebotlana le kokelwana se a tshwenya, ka tota ka tshwanelo di tlhokana le motlakase thata go dira ditiro tsa tsatsi le le tsatsi.

Mokhanselara wa Manyana-Mogonye Rre Peter Sithebe, o ngongoregile thata, a kaya fa motse wa Mogonye o bapile thata le toropo mme go tshwenya thata go bona motlakase kwa sekoleng se sebotlana sa Mogonye ga mmogo le kokwelwana o ise o tsenngwe ntswa kompone ya motlakase yone e duetswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : KANYE

Event : Phuthego

Date : 05 May 2014