Kgosi o kopa banni go tlhokomela masimo
05 May 2014
Kgosi ya Mabolwe mo kgaolong ya Bobirwa, Rre Join Ngala o kopile balemi go tlhokomela masimo a bone gore ba kgone go itirela dijo tse ba tla itshetsang ka tsone.
Kgosi o buile seo mo letsatsing la go lebogela pula e e neleng monongwaga gammogo le go itumelela letlhafula kwa motseng oo bosheng.
A re o tshwenngwa ke batho bangwe ba ba tsayang dipeo kwa balemising mme ba sa tseye karolo mo temong. Kgosi Ngala a re go dira jalo go tlhaetsa ba ba nang le keletso ya go lema dipeo.
Kgosi o ile a kopa balemi go agelela masimo a bone gore a seka a senngwa ke leruo. Kgosi Ngala a re balemi ba tshwanetse go lemela gore ba ntshe dijo eseng go lemela madi a lenaneo la ISPAAD.
Le fa go ntse jalo, o lebogile banni ba Mabolwe go diragatsa kopo ya ga tautona wa lefatshe leno, ya gore Batswana ba rapelele pula, ka pula e e neleng e supile fa Modimo o arabile dithapelo tsa bone.
Molimisi wa kgaolo eo, Mme Messiah Kgathi, a re ntswa kgaolo eo e ne e na le letlhoko la digogi, bontsi jwa balemi ba kgonne go ipeela tema.
Mme Kgathi a re batho ga ba a tshwanela go ikaega ka goromente le go letela didirisiwa tsa puso fela, mme ba tshwanetse go ikemela. A re o tshwenngwa ke gore beng ba masimo mangwe ba a latlhelela.
O ne a ba kopa go sala ditaelo tsa balemisi morago gore ba bone thobo e e botoka, a supa fa mebaraka ya thobo e butswe go ka rekisa.
Letsatsi leo le ne la ipelelwa ka mmino le dijo tsa letlhafula. Mme Tichana France o kopile banni ba Mabolwe go tsisa thobo ya bone mo kgotleng go bolokwa mo difalaneng, gore go fiwe batlhoki, bana-le-bogole le masiela fa mpuru a faretswe.
Sebui se sengwe, Rre Kgomotso Masilo, a re lehuma le ka nyelediwa ka go itirela dijo, a supa fa temo e salwa morago fela jaaka leruo; ka jalo o rotloeditse balemi go tsenya marapo mo dinameng fa ba lema.
Tiro e ya go ipelela thobo le go lebogela pula e ne e tsenwe ke Kgosi Keleapere Baruti wa Semolale, Kgosi Solomon Pharithi le Letso Malema ba Molalatau.BOPA
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Letsatsi la go ipelela pula le thobo
Date : 05 May 2014